Seleka o amogela go tlhomiwa ga kgosi
21 Mar 2016
E rile bosheng banni ba Seleka mo kgaolong ya Sefhare/ Ramokgonami ba bo ba le mo boitumelong jo bogolo fa go tlhomamisiwa Kgosi Gabagopolwe Seleka go nna kgosi ya bone.
Go bolelwa fa erile go tlhokafaleng ga ga Kgosi Kobe Seleka yo e leng rraagwe Kgosi Gabagopolwe Seleka ga tshwarelela Kgosi Moruakgomo Ramolelo yo o neng a tlhokafala ka ngwaga wa 2013 mme morago ga moo bogosi joo jwa tshwarelelwa ke Kgosi Makhurumola Baitswi.
Fa a tlhomamisa Kgosi Seleka, Kgosi Sefhako Gaobuswe wa Ramokgonami o ne a kopa morafe wa Seleka go ema Kgosi Seleka nokeng le go tshwaragana le ene gore a kgone tiro ya go ba etelela pele.
Kgosi Gaobuswe o ne a kopa Kgosi Seleka go amogela mongwe le mongwe le go reetsa se mongwe yoo a se buang ka kelotlhoko.
A re kgosi ga a a tshwanela go tsaya letlhakore mme o tshwanelwa ke go atlhola kgang a sa sokamela ntlheng epe.
O ne a bolela fa kgosi e tshwanetse gape go nna boikokobetso le boineelo mo morafeng o e o eteletseng pele.
Ka jalo Kgosi Gaobuswe o ne a kopa Kgosi Seleka go fa morafe wa gagwe tlotlo ka le one morafe o ka mo fa tlotlo.
O ne a rotloetsa Kgosi Seleka go obamela dinako tsa go tla mo tirong fela jaaka badirelapuso a bolela fa kgosi fela jaaka badirelapuso a tla tirong ka dinako tse di tshwanetseng.
Kgosi Gaobuswe o ne a rotloetsa morafe wa motse wa Seleka go godisa kgosi ya bone ka go tshwaragana le ene le go isa dikgang kwa go ene gore a tswelele a nonofe e nne kgosi ya popota.
Rre Moroka Motlhabane yo e leng motshwarelela bogosi kwa kgotlaneng ya Mogogoma gone kwa Seleka o ne a kopa Kgosi Seleka go itirela leina le le tshwanang le la ga rre rraagwe yo o neng a itsiwe ke ditshabatshaba.
Kgosi Seleka o ne a lebogela morafe wa Seleka go bo o itlhaloganya le go bo o itse ditso tsa one.
A re ba tswa kgakala le morafe wa gagwe ka kgang ya bogosi kwa motseng oo mme a bolela fa a itumeletse gore e feletse e wela fa e tshwanetseng go wela teng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Seleka
Event : Tlhomo ya kgosi
Date : 21 Mar 2016






