Breaking News

Tshwaragano ke makgonatsotlhe

21 Mar 2016

Go lebega phadisano e le mashetla magareng ga baanni ba kgaolo ya Bokone Botlhaba mabapi le go ipapanela meletlo ya kamogelo molelo wa kgolagano mo metseng ya bone.

Banni bangwe le bangwe ba molelo oo o tsenang kwa metseng ya bone, go bonala ba ikemiseditse go dira gotlhe mo ba ka go kgonang go o amogela ka maatlametlo  a magolo.

Motlhala wa gore molelo wa kgolagano o raletse kgaolo ya Bokone Botlhaba o a itshupa, ka jaana fa o tsena mo metseng ya kgaolo eo, bogolo jang e molelo o ralalang mo go yone, o kgatlhantshiwa ke tikologo e e kgatlhisang ya ditlhare le maje tse di pentilweng e bile di kgabisitswe ka mmala wa folaga ya Botswana. 

Kwa metseng mengwe ya kgaolo e, molelo oo o setseng o fetile kwa go yone, meletlo ya kamogelo molelo oo, e ne e le e e jesang matlho monate, ka jaana dingwe tsa dilo tse di neng di dirisiwa ka one malatsi ao, di tshwana dikotsikara, dilei, ditonki le dikgomo le tsone di ne tsa akola go kgaba ka mebala ya lefatshe leno. 

E re ka jaana pula e tsweletse ka go tshologa ka bokete mo kgaolong ya Bokone Botlhana, seo ga se eme pele banni ba kgaolo go ya kwa dikgotleng tsa bone ka dipalo tse di nametsang go ya go iponela ka matlho le go itseela ka tsebe.

E ne ya re ka bofelo jwa beke, ga bo go leba yo o sebete jaaka molelo wa kgolagano o ne o goroga kwa metseng ya Nlapkwane, Mapoka le Moroka mme e ne ya re a amogela baeng mo kgotleng ya gagwe,  Kgosi Ngocha Habangana wa Mapoka a kopa Batswana go tsaya tsia molaetsa wa ga Tautona.

Kgosi Habangana a re Batswana ba tshwanetse ba itse fa tshwaragano le mowa wa bommogo e le tsone di ka fenyang dilo tsotlhe.

Kgosi o tsweletse a re go bo go seke go nna le Batswana ba ba tshabelang kwa mafatsheng a sele go kopa tshireletso go supa fa lefatshe leno e le la kagiso le thokgamo. Kgosi George Moroka wa Moroka le ene o ne a gwetlha Batswana go tshegetsa serodumo sa bone sa mowa wa kutlwano.

Kgosi Moroka a re go dikolosiwa ga molelo wa kgolagano lefatshe leno ka bophara, go gatisetsa mewa eo, ya kutlwano le popagano, ka jalo o eletsa Batswana ba ka tshela ka mewa eo go ya go ileng.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MAPOKA

Event : Phadisano

Date : 21 Mar 2016