Breaking News

Boremo jwa mogoma ga bo tlhobogwe

21 Mar 2016

 Mme Tshwanelo Gopadile, molemi wa popota wa masimo a Machana kwa kgaolong ya Borwa, a re go tlhagola mhero go a busetsa ka ga a ke a tswa a iphotlhere mo pakeng nngwe le nngwe ya temo.

A re le fa go ka nna mogote o o ntshang kolobe mo hokong, masimo a batho a sha, ene ga a ke a tswa a iphotlhere.

A re molemo wa temo ke go tlhagola mhero le go tlhokomela masimo.

Mme yoo, wa digwaga tse di masome a marataro le boraro, o boletse fa a na le dingwaga di feta masome a mararo a ntse a itshetsa ka temo. 

“Sephiri sa me sa go tswelela ke itemogela thobo e e botoka, le fa gongwe e sa nne ya sepe dingwaga tse tsotlhe ke go tlhagola,” go tladitse jalo Mme Gopadile

A re e ya re fela dijalo tsa gagwe di simolola go tima boleme, le ene a bo a eme sejaro, a simolole go tlhagola.  

O gateletse botlhokwa jwa go dira jalo dijalo di sa le dipotlana a re se se di fa sebaka sa go gola di bo di none go tswa kwa tlase, pele ga di ka hupediwa ke mhero mme ka jalo di kgone go ntsha thobo e e nametsang. O kaile fa go tlhagola go le molemo fela thata ka jaana go dira jalo, go fa dijalo sebaka sa go hema phefo le go nwa metsi di sa phadisane le mhero.

A re go tlhagola gape go fa mmu sebaka sa go tshegetsa metsi sebaka se se leele, mo e reng le fa go ka nna leshekere la pula dijalo di bo di ntse di dirisa bokgola jo bo mo mmung, mme di kgone go lepalepana le diemo tsa bosa.  O tsweletse a tlhalosa fa gape mhero gantsi e nna legae la diji tsa dijalo, tse di akaretsang ditsiane le diboko.

Mme Gopadile o tlhalositse fa a ne a ntse a itemela ka dikgomo le ditonki tsa gagwe gole pele mme ka jalo, a itemela dipeo tsa gagwe tsa Setswana mme e bile a lema temo e e neng e tlwaelesegile ya go tlhakatlhanya dipeo go bo go gasiwa ka seatla. 

A re e rile mo dingwageng tsa bosheng, ka go itemogela phetogo ya loapi e e amang thata temo, a sekegela tsebe dikgakololo tsa balemisi, a fetola mokgwa wa gagwe wa pele wa go lema ga mmogo le dipeo tse a neng a di lema.

Mme Gopadile a re e ne ya re puso e sena go tla balemi matshidiso ka lenaneo la ISPAAD, le ene o ne a seka a ipona tsapa mme a inaakanya le go lema ka ditselana ga mmogo le go lema dipeo tsa mmoulo, mme a ntse a netefatsa gore o a tlhagola.

Mme yoo, wa sekgantshwane sa temo, o tlhalositse fa a ne a ikanya thata go lema dinawa tse dintsi go feta mmidi, ka maitemogelo a gore di bogadi bo gaufi mme e bile di kgona go itshwarelela mo diemong tse di sa iketlang tsa loapi.

A re go inaakanya le go lema temo eo ya segompeino go tokafaditse thobo ya gagawe fela thata fa a e tshwantshanya le ya digwaga tsa pele.

A re o setse a fitlheletse mo seemong sa go rekisa ditswatemong tse di akaretsang morogo wa dinawa, letshotlho, magapu ga mmogo le thobo ya dikgetsi di akaretsa mmidi le dinawa. ENDS

Source : BOPA

Author : Mphoentle Gopadile

Location : MACHANA

Event : Puisano

Date : 21 Mar 2016