Breaking News

Bomme ba gakololwa go emelana le dikgwetlho

21 Mar 2016

Molomaganyi wa ditiro tsa twantsho HIV/AIDS wa kgaolo-potlana ya Bobirwa, Rre Kabo Kgwaraga, o kgothaditse bomme kwa Bobonong go emelelana le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone. 

Rre Kgwaraga o buile se kwa bokopanong jwa dithuto seka dipuisano tsa bomme ba Bobonong jo bo bidiwang Pitso ya Bomme ka Labotlhano.

Bokopano jo bo ne bo remeletse mo tirisong ya madi mo lwapeng le dikgang tsa tsholo le twantsho HIV/AIDS.

Pitso e, e ne e tsenwe ke baemedi ba bomme ba maphata a puso ka go farologana, dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse, makgotlana a a ikemetseng le bomme ba motse ka bongwe.

Rre Kgwaraga o tlhalositse fa bomme ba kopana le dikgwetlho tse dintsi mo botshelong jaaka boikarabelo jwa go tlhokomela le go godisa bana mo lwapeng ke gone ka moo eketeng bomme ke batho ba ba tshabelelwang ke botlhoki thata.

O tlhalositse fa bomme ba na le bokgoni jwa go ikemela ka dinao mo ba ka felelang ba tsaya seabe mo go tsamaiseng le go tlhabolola itsholelo ya lefatshe leno.

A re bomme ba tshwanetse go emela kanamo ya mogare wa HIV le go ima ga baithuti ka dinao.

Moruti wa kereke ya St Ezekiel kwa Bobonong, Mme Constance Konyana o kopile bomme go itlhokomela mme ba itse fa e le ditempele tsa mowa o o boitshepo.

O kgothaditse bomme go tlhokomela bana ba bone ba basetsana mme ba tlogele mokgwa wa go rotloetsa bana go tsena mo maratong ba lebile gore ngwana a robe sengwe mo leratong leo.

A re mosadi o sa ntse a ka ikemela ka dinao a tlhokomela le go godisa bana le fa a sa nyalwa.

Moruti Konyana o boletse fa pina ya setshaba e supa ka fa motho wa mme a leng botlhokwa ka teng mo lefatsheng ka fa mafoko a yone a tlotlomatsang mosadi ka teng.

Bangwe ba bomme ba ba neng ba tsene pitso e ba tlhalositse fa ba ithutile dilo di le dintsi tse ba ntseng ba sa di lemoge mo matshelong a bone.

Mooki kwa sepateleng sa Bobonong, Mme Florah Motshweneng o boletse fa bokopano jo bo mo rutile gore le fa mme a bereka ga a tshwanela go ikaega ka madi a kamogelo kwa tirong mme o tshwanetse go tswa ka ditsela tse dingwe tse a ka dirang madi ka tsone go tlhabolola itsholelo ya lelwapa la gagwe.

Mme Naledi Duna yo o direlang kwa ofising ya sepodisi sa Bobonong a re bokopano jo bo mo rutile gore mme le ene mo lwapeng o ka tswa ka megopolo e e ka dirisiwang go tlhabolola lelwapa.

A re bokopano jo bo mo rutile gore madi ga a bolokwe fa a le mantsi fela mme bonnye jo motho a nang le jone bo kgona go bolokwa.

O tlhalositse fa a ithutile go dirisana le go amogana maele le bomme ba bangwe a ba a itlama fa a tlaa amogana se a se ithutileng le bomme ba ba sa kgonang go tlaa bokopanong jo. ENDS

Source : BOPA

Author : Kago Kgosietsile

Location : BOBONONG

Event : Pitso ya Bomme

Date : 21 Mar 2016