Molao o tshwanetse wa akaretsa botlhe
20 Mar 2016
Makhanselara a kgaolo ya Ghanzi a kopile gore ka ngwaga wa 2036 merafe yotlhe mo lefatsheng leno e akarediwe mo molao motheong wa lefatshe leno.
Makhanselara a ntshitse maikutlo a bone fa pele ga maloko a a romilweng ke Tautona go tsaya megopolo ya tebelopele ya 2036 mo phuthegong ya khansele bosheng. Ba rile lefatshe leno ke la puso ya batho ka batho ka jalo merafe e thwanetse go lekana.
Erile Mokhanselara Rre Gaditlhaolwe Sixpence yo o itlhopetsweng, a akgela a kopa gore go nne le pego e e supang gore tebelopele ya 2016 e kgonne eng e bile e supa dikgwetlho tse ba di bonyeng.
Mokhanselara Sixpence a re pego eo ke yone fela e e ka ba neelang tsela le boammaaruri jwa gore fa ba ntsha megopolo ya bone ba bo ba bonye gore mo tebelongpele ya 2036 go tlhokafala eng.
Mokhanselara wa Kalkfontein, Rre Alec Motlhopele ene o kopile gore ka ngwaga wa 2036 Batswana ba bonwe ele batho ba ba ekemetseng ba itirela sengwe le sengwe se baneng ba sedirelwa ke Puso.
Mokhanselara a re Batswana ba tlogele go direlwa ke puso ka gore puso entshitse mananeo a aka kgonang go bantsha mo lehumeng ka jalo ba tshwanetse go ema ka dinao gore ba itirele le gone go tlhabolola lefatshe leno.
Mokhanselara Mothopele o kopile gape gore ka ngwaga wa 2036 go akarediwe diteme tsotlhe mo Seromamoweng sa Botswana le mo BTV. A re kwa mafatsheng a a tshwanang le Namibia le Afirika Borwa go dirwa jalo.
Mokhanselara wa Grootlagte Rre Ezekiel Kajuu o kopile gore ka ngwaga wa 2036 dikole tsa ithutelo ditiro jaaka tsa go ithuta booki di atumediwe mo dikgaolong gore di kgone go direla banana ba dikgaolo tseo ditiro.
Mokhanselara Kajuu gape o kopa gore ka ngwaga wa 2036 molao tsamaiso wa Matlhabelo a lefatshe leno ( BMC) o o letlelelang fela BMC go rekisa nama kwa ntle ga lefatshe leno o phimolwe.
A re molao oo fa o ka phimolwa ditlhwatlhwa tsa dikgomo di tsile go nna kwa godimo ka gore mmaraka o tlaa bo o le montsi ka gore Batswana bangwe ba ka rekisa dikgomo tsa bone kwantle ga lefatshe leno.
Mokhanselara wa Bosele mo toropong ya Ghanzi, Rre Onalethata Ngati ene o ne a kopa gore ka tebelopele ya 2036 lekgotla le le tsamaisang ditlhopho le la DCEC a ikemele a tswe mo go tsamaisiweng ke puso.
Erile mokhanselara Makgetse Modisana yo o itlhopetsweng a ntsha la gagwe, a kopa gore Batswana botlhe ba rotloediwe mo dingwaong tsa bone gore ba kgone go itshetsa ka tsone gape ba bonwe ka yone le go ipelefatsa jaaka morafe wa Baherero.
A re morafe oo o somaretse ngwao ya bone sentle.
Mokhanselara Modisana ,o ne a kopa gore ditlhabololo tse ditona di tsisiwe mo dikgaolong di seka tsa isiwa fela kwa ditoropong.
A re mo kgaolo ya Ghanzi go tlhokafala lebala la mabelo a dipitse la maemo a a kwa godimo.
Mokhanselara wa Ncojane, Baduetse Setswalo o kopile gore kgaolo ya Ghanzi e akanyediwe tlhabololo nngwe e e amanang le kgomo ka gore kgaolo ya bone ke ya dikgomo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Fredricah Nguahoka
Location : Ghanzi
Event : Phuthego ya khansele
Date : 20 Mar 2016






