Tiriso ya ditagi e apesitse lefatshe kobo ka letshoba
20 Mar 2016
Mookamedi wa lekalana la Captive Eye Organisation, Rre Percy Mothibi o boletse fa tiriso ya ditagi e golela pele fela thata mo lefatsheng leno. Rre Mothibi o boletse jalo ka Mosupologo mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe mo motseng wa Thamaga.
Captive Eye Organsation ke lekalana le le ikemetseng ka nosi le maikaelelo a lone e leng go fetola matshelo a banana ka go ba ruta ka bodiphatsa ja tiriso ya ditagi.
Rre Mothibi o ne a tlhalosa fa bana ka bontsi mo lefatsheng leno ba dirisa ditagi di tshwana jaaka motokwane le tse dingwe, mme a re batho mo lefatsheng leno ba setse ba gweba ka tsone ka jaana di dira madi a mantsi mo nakong e khutshwane.
O ne a kgala batsadi ka jaana a re ke bone ba rekisetsang bana ditagi mo malwapeng le fa pele ga dikole, mme a re se se senyetse bana ba bokamoso ka jaana ga ba kgone go dira sentle mo dithutong tsa bone.
Erile a ema morafe ka lefoko, moemedi go tswa kwa sepodising sa Thamaga, Rre Thabo Moje a netefatsa fa tiriso ya ditagi mo kgaolong ya Thamaga e le kwa godimo fela thata e bile e tshwenya. O ne a tlhalosa fa ba lemogile fa e jweleletse thata mo bananeng ba ba paletsweng ke go fetela kwa dikoleng tsa ithutelo ditiro.
Rre Moje o ne a tlhalosa fa ba leka ka bojotlhe go laola seemo sa tiriso ya ditagi le borukutlhi ka ditsela di tshwana go oketsa motsamao wa sepodisi mo motseng bosigo.Morutabana wa tsa bogakolodi go tswa sekoleng se segolwane sa Sekgele, Mme Kgalalelo Mpho o ne a tlhalosa fa ba tshwere phage ka mangana go laola seemo sa tiriso ya ditagi ke baithuti, a re se ke kgang e e tshwenyang mme a re ba e tshwaraganetse le magosi le ba sepodisi.
O ne a tlhalosa fa tiriso ya ditagi e senyetsa bana bokamoso mme a kgothatsa batsadi go ruta bana ba bone Modimo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gofaone Makhaya
Location : Letlhakeng
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 20 Mar 2016






