Breaking News

Mowa wa boipelego le neelano ke konokono

20 Mar 2016

Mowa wa go itirela le go thusana le ba bangwe mo botshelong ke nngwe tsela e e siametseng gore motho mongwe le mongwe a inaakanye le yone go fema diemo tse di thata mo malwapeng jaaka lehuma le le feteletseng.

Moemedi wa mokgatlho wa Kgetsi ya Tsie kwa Sefhare mo kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami Mme Mmakale Puoeng o boletse se mo potsolosong bosheng.

A re mowa wa boipelego le wa neelano ga se selo se sesha, ka jaana e ne e le yone konokono mo matshelong a mabutswapele ka jalo a rotloetsa basha go o tsweledisa ka o na le motlhala o montle.

Mme Puoeng a re mo mokgatlhong wa Kgetsi ya Tsie ba tsosolosa mowa o.

A re ba ipelega ka go dirisa ditsatlholego le didirisiwa tse dingwe tse bangwe ba di tsayang gore ke matlakala jaaka dipampiri, dipolaseteke, dikgethe tsa matsela gareng ga tse dingwe go dira dithoto ba bo ba di rekisa mme ba kgone go oba letsogo le go thusa bao ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.

O supile fa ba dira didirisiwa di tshwana le ditlatlana, mekgabisa, jeme le ditlhako gareng ga tse dingwe.

O tsweletse ka go tlhalosa fa mokgatlho o na le maloko a a nang le ditalente tse di farologanyeng a re mongwe le mongwe o dira se a se kgonang mme ba bo ba nna le nako e ba kokoanyang dithoto tseo golo go le gongwe fela go di supegetsana le go rutana ka fa di dirwang ka teng pele ba ka  di tsenya mo mmarakeng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Violet Keipeile

Location : Sefhare

Event : Potsolotso

Date : 20 Mar 2016