Barutabana ba abela moithuti
20 Mar 2016
Barutabana ba dikole tse dikgolwane ba bone go le maleba go ikopanya go thusa Moneiki Sekago, yo e leng moithuti kwa sekoleng sa Boitshoko
Barutabana ba dikole tseo, ebong sa Boitshoko Junior Secondary kwa Molepolole le sa Thamaga Junior Secondary ba abetse Sekago yo o dingwaga tse di lesome le boraro a dira mophato wa bobedi.
O thusitswe ka kapari ya sekole, ditlolo ga mmogo le dijo. Erile a abela Sekago dilwana tse semmuso, mogokgo wa sekole sa Boitshoko, Rre Keoletile Mmopi a tlhalosa fa ba tlhopile moithuti yoo ba lebile ka fa a tlhokang ka teng. A re ba ne ba lemoga fa ngwana yo a tsena sekole a tswa kgakala kwa ntle ga Molepolole kwa masimong a Mmoho.
Go tlhalositswe fa dilwana tse tsotlhe di lopile dikete tse nne le makgolo a matlhano. Mogokgo Mmopi o tlhalositse fa ba kgonne go kgobokanya madi a ka go kopa gore morutabana a le mongwe go tswa mo dikoleng tse pedi tse a ntshe masome a matlhano a dipula, mongwe le mongwe. A re dijo tse di tlaa thusa moithuti ka ba itemogetse fa go na le botlhoki kwa ga bone mo a kgonang go tla sekoleng a sa fitlhola .
O tlhalositse fa ngwana yo a tsamaya dikhilomithara tse di lesome le bobedi, ka dinao gore a tle sekoleng a tswa ko masimong a Mmoho. Se se itsa ngwana go ithuta bogolo jang fa ko lwapeng a sanke a ja sentle ka lebaka la gore batsadi ba gagwe ba kobo dikhutshwane.
Mogokgo Mmopi o ne a feleletsa a re ba tlaa tswelela ka tiro e ntle e ba e dirang ngwaga le ngwaga mme e tlaa re mo ngwageng o o latelang, ba direle moithuti yo ba tla mo itemogelang kwa sekoleng sa Thamaga.
Fa a leboga, mokhanselara wa kgaolo ya Lephaleng, Rre Slumber Mokgosi, o ne a rotloetsa gape a akgola mowa wa bopelotlhomogi o o renang fa gare ga barutabana ba dikole tse. O ne a solofetsa batsadi ba ba neng ba tsile moletlong o gore o tlaa leka ka bojotlhe gore a senke sekothekara se se babalesegileng le mokgweetsi wa teng a tshephega, go nna a tsaya bana ba masimo a a mabapi a ba tsisa sekoleng le go ba busetsa malwapeng maitseboa.
Mokgosi o boletse fa bana ba sekole sa Boitshoko JSS ka bontsi ba tsena sekole ba tswa ko masimong a tshwana le a Mosokotso le Mmoho. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Bothe Gambule
Location : Molepolole
Event : Kabo Dimpho
Date : 20 Mar 2016






