Breaking News

Banana ba kopiwa go tsenya letsogo

20 Mar 2016

Banana kwa Mantshwabisi mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng ba kopilwe  go tsena dikomiti tsa paakanyetsto boipuso jwa lefatshe leno ka e le bone bagogi ba lefatshe ba kamoso.  

E rile a bua mo phuthegong  e e neng e biditswe ke komiti ya ditlhabololo tsa motse kwa Mantshwabisi  bosheng go tla go lekola dikomiti tse di baakanyetsang boipuso, kgosi Dikaelo Tsiang wa motse oo a kopa banana go itsaya ka tlhwaafalo ka e le bone ba ba ka isang lefatshe leno kwa pele ka ba sa ntse  ba na le natla e bile ba ka kgona go tswa ka megopolo ya sesha go tlhabolola lefatshe leno.

Kgosi Tsiang o supile fa banana gantsi ba kaiwa ka botlhokatsebe, mme a re go mo bananeng ka bobone go bona gore ba itlhatswa leina ka go direla motse wa bone ka botswapelo. 

O ne a tswelela ka go supa fa lefatshe la Botswana le tlaa bo le ipelela dingwanga tse di masome a matlhano le ntse le ipusa ka jalo a kopa mongwe le mongwe go nna le seabe mo ipaakanyetsong ya  ipelelo moletlo o.

O kaile fa go le maleba go bona Motswana mongwe le mongwe a eme malala a laotswe go baakanyetsa letsatsi leo,o tsweletse ka go supa fa ba tshwanetse go nna ba ipaakanyeditse go amogela molelo wa kgolagano ka diatla tsoo pedi ka o tlaa tsena kwa motseng wa bone nako nngwe le nngwe.

E rile a mo kgwa dikgaba, mothusa mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Agentina Gakebabitse a supa fa morafe o tshwanetse go ikemela ka dinao go ipaakanyetsa boipuso.  A re se se ka kgonega fela fa morafe o ka ipopa ditlhophana go dira dikhwaere le metshameko e e tlaa natetshang ka letsatsi la boipuso. 

O ne a ngongorega ka go sa yeng kwa dikgotleng ga banni fa go le meletlo ya boipuso. O ne a tswelela a rotloetsa banni go iponatsa kwa kgotleng ka dipalo tse di nametsang fa lefatshe leno le ipelela boipuso le gone go tla go itseela molaetsa ka tlhamalalo. 

Mo go la bone, banni ba motse ba ne ba ngongorega ka letlhoko la ditlamelo mo motseng wa bone le ntswa go supega fa lefatshe la Botswana le gatetse pele. Ba ne ba kopa gore tsela ya bone e tshelwe sekontere ka e sa bolo go nna mo seemong se se sa nametseng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Madianakedi

Location : Letlhakeng

Event : Phuthego

Date : 20 Mar 2016