Breaking News

Badiri ba Ipelegeng ba rotloediwa go itshwara sentle

20 Mar 2016

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa Ikongwe, Rre Onyaditse Sepane o rotloeditse banni  ba ba thapilweng go bereka mo lenaneong la Ipelegeng go itshwara sentle mo tirong. 

Fa a bua mo potsolotsong  bosheng, Rre Sepane o tlhalositse fa bontsi jwa badiri ba Ipelegeng ba na le mokgwa wa go tla tirong ba nole bojalwa mme se se dire gore maitseo a bone e nne a a makgwakgwa, selo se a reng se a ba ngongoregisa.

Go ya ka Rre Sepane, go a bo go nolwe majalwa a masesanyane jaaka tutu le khadi a a rekisediwang mo malwapeng, mo go dirang gore a nowe phakela le ntswa go se ka fa molaong.

Rre Sepane a re badiri ba ba tlang mo tirong ba itshietse ba kgoba ba bangwe ka dipuo mo go ba kgoreletsang go bereka, ka jalo ba busediwa kwa malwapeng ba bo ba kgaolelwa madi a letsatsi leo, mme fa boitshwaro jo bo tswelela motho wa go nna jalo o kobiwa mo tirong.

Le fa gontse jalo, lenaneo le go kailwe fa le tsamaya sentle ka le thusitse go tlhabolola motse ka go phepafatsa le go tlhamela banni diphatlha tsa mmereko.

E re ka motse wa Ikongwe o tletse matlapa, go dirisiwa babereki ba Ipelegeng go a kgobokanya go dira mehupu ya mekgabisa le go a isa kwa mabitleng ka go na le tshokolo ya go bona matlapa a a bewang fa godimo ga mabitla ka dinako tsa diphitlho.

Rre Sepane a re gape lenaneo le le thusa  go tlhabolola matshelo a banni, a tlhalosa fa bangwe ba tsenya bana dikole ka dikatso tse ba di bonang.

O tsweletse ka go tlhalosa fa lenaneo la go apeela badiri ba Ipelegeng le lone le tsamaya sentle le fa go kile ga nna le makgwere a gore mongwe yo o neng a thapilwe o ne a sa apeye sentle.

A re modiri yo o ne a apaya borotho a sa bo dube sentle, mme se se sa itumedise badiri mo a feletseng a amogela dituelo tse di kwa tlase, ka e ne e re nako le nako fa a sa apaya sentle a kgaolelwe madi a letsatsi leo.

Rre Sepane a re o rotloetsa batho ba ba batlang tiro mo Ipelegeng go itshwara sentle ka ditiro le ka puo, a tlatsa ka gore “kana motho o a bo a emeletse kwa ga gagwe a re o ya go batla tiro a sa patelediwa ke ope,” ka jalo, a re o rotloetsa banni ba  Ikongwe go tsaya tiro ya Ipelegeng ka tlhwaafalo gore e tle e ba tswele mosola. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Boitshepo Setogile

Location : Ikongwe

Event : Potsolotso

Date : 20 Mar 2016