Lekgotla le tlhagisa ba ba beilweng kwa Machana
17 Mar 2016
Lekgotla la kabo ditsha la Ngwaketse le itsise setshaba gore botlhe ba ba filweng tshwanelo ya tiriso ya lefatshe ke batlhokomedi ba lefatshe kwa kgotlaneng ya Machana le Sese gore ga se taelo ya lekgotla go bo go dirilwe jalo.
Ka jalo dipeo tseo ga di ka fa molaong. Lekgotla le kopa botlhe ba ba tlhomileng mekono kgotsa ba agile kwa Machana go di tlosa mo lebakeng la malatsi a le lesome le bone go tloga mo letsatsing la kanamiso e.
Kajalo he, go itse go feta fa setshaba se kopiwa go leletsa mogala wa lekalana la kanamiso mafoko mo mogaleng wa 5440343/5449008. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Kanye
Event : Mokwalo
Date : 17 Mar 2016
Related News
11 May 2026
Banni ga ba Jesiwa Diwelang ke Borukutlhi
07 May 2026
Balemi ba tlhasetswe ke dipeba
06 May 2026




