Phillip Matante East e tlaa tlhopha kgwedi e e tlang
17 Mar 2016
Setshaba se itsisiwa fa Tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae a ntshitse taelo ya gore go tshwarwe ditlhopho tsa poeletso tsa bokhanselara kwa kgaolwaneng ya botlhophi ya Phillip Mantante East kwa Francistown Borwa.
Kitsiso go tswa kwa lekgotleng le le tsamaisang ditlhopho (IEC) e tlhalosa fa bontlhopheng ba kopiwa go isa maina a bone kwa go motsamaisa ditlhopho kgwedi ya Moranang e tlhola gangwe kwa Montsamaisa JSS.
Maina a tlaa amogelwa go tswa ka nako ya boferabongwe mo mosong go tsena ka nako ya bongwe motshegare le go tswa ka nako ya masome a mararo a metsotso morago ga nako ya bobedi go tsena ka nako ya botlhano maitseboa.
Tlhopho epe e e ka tlhokang go tshwarwa e tlaa nna ka kgwedi ya Moranang e le masome a mabedi le boraro. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Gaborone
Event : Mokwalo
Date : 17 Mar 2016






