Khamphani e abela baithuti paka
17 Mar 2016
World Group of Companies e abetse baithuti ba sekole sa Borotsi kwa Bobonong paka ya sekole mongwe le mongwe wa bone.
Paka ya basimane e ne e akaretsa marokgwe a mabedi, dihempe tse pedi, dikipara tsa mo teng, ditlhako, dikausu gammogo le dijesi fa baithuti ba basetsana bone ba ne ba fiwa paka e e feletseng e e akaretsang mosese, sekete, dikausu, ditlhako, dikipara gammogo le dimonamone.
Fa a bua kwa tirong ya go aba dimpho, mopalamente wa kgaolo ya Bobonong, Rre Shaw Kgathi, o tlhalositse fa tiro ya go abela dikole tse di lesome le bosupa tsa kgaolo ya Bobirwa e simolotse ka ngwaga wa 2014 fa World Group of Companiese e abela dikole dibolo di le makgolo a supa go dirisiwa go tlhabolola motshameko go tswa kwa tlase.
Rre Kgathi, yo gape e leng tona wa itshireletso, molao le thokgamo, a re o bone go tshwanetse gore a kopele kgaolo ya Bobirwa dithuso mo dikhamphaning tse di ikemetseng ka gore kgaolo e, e lebagane le dikgwetlho di le dintsi jaaka leuba le bolwetse jwa tlhako le molomo jo bo dirang gore bontsi jwa batsadi bo tlhaele go tlamela bana ba bone.
A re mpho ya paka ya sekole e tlaa thusa khansele-potlana ya Bobirwa go fokotsa ditshenyegelo ka e dirisa P7 million go tlamela bana ba batlhoki ba le 981 le masiela a le 1 604.
Le fa go ntse jalo o kopile batsadi go tsenya letsogo mo thutong ya bana ba bone a supa fa thuto e le boswa.
Mpho e ya paka e ile gape ya abelwa sekole se sebotlana sa Moletemane.
World Group of Companies e solofeditse fa e tlaa rekela sekole seo dipente.
Ka Mosupologo kwa metseng ya Gobojango, baithuti ba feta makgolo a mane ba ne le bone ba abelwa paka fa kwa Molalatau go ne ga fiwa ba feta makgolo a marataro.
Modulasetilo wa khamphani eo, o solofeditse banni ba motse oo fa World Group of Companies e tlaa ba agela kokelwana.
Ka ngwaga wa 2014 baithuti ba dikole tsa Semolale le Busang kwa Tsetsebye ba ne ba fiwa paka fa ba se segolwane sa Tsetsebye ba ne ba abelwa ditlhako tsa sekole.
Modulasetilo wa khansele ya kgaolo potlana ya Bobirwa, Rre Nathaniel Moribame, o lebogetse dimpho tse, a re seo se tlaa fetola matshelo a ba le bantsi mo kgaolong eo.
Rre Moribame o kopile batsadi go amogela dimpho tse ka lerato a supa fa ba na le boemedi jwa tlhwatlhwa jo bo kgonang go ba kopela dimpho. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Goratileone Kgwadu
Location : Bobonong
Event : Kabo Dimpho
Date : 17 Mar 2016






