Breaking News

Letlhoko la matlo a boitiketso le a tshwenya

17 Mar 2016

Mmaboitekanelo wa Ikongwe mo kgaolong ya Shoshong, Mme Keseyo Mfho, a re lephata la botsogo le tshomarelo tikologo le tshwentswe ke seemo sa letlhoko la matlwana a boitiketso mo motseng.

 Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Mfho o tlhalositse fa Ikongwe a na le malwapa a le lekgolo, masome a ferabobedi le bosupa, mme mo go one a a nang le matlwana a boitiketso a le masome a matlhano le motso fela.

A re se, se raya gore bontsi jwa banni bo arabela pitso ya tlholego kwa sekgweng, selo se a kaileng fa se kgotlela tikologo, go bo go ama botsogo jwa batho le leruo.

O ne a tlhalosa gape gore, e re ka motse wa bone o bapile le meraka, leruo le tshwana dipodi, ditonki le dikgomo le gobeya mo motseng, le bo le felela le jele leswe le go tlwaelesegileng fa le tsenya bolwetse jwa mabele bogolo jang mo dikgomong.

Mme Mfho a re ba boloditse letsholo la go phepafatsa tikologo ka go ruta banni ka mekgwa e e siameng ya go phepafatsa malwapa a bone le tikologo mo diphuthegong tsa kgotla.

A re nngwe ya dintlha tse ba di gatelelang ke go kuba, go ntsha mhero le bojang, a tswelela ka gore go sa dira jaana go ka baka tlhagogo ya bolwetse ja malaria ka dipula di sa ntse di na ka bokete mo kgaolong, a kaya fa  bolwetse jo bo bakiwa ke monang o o iphitlhang mo tlhageng mme morago o lome batho.

Mme Mfho a re gape banni ba rotloediwa go tlhokomela malwapa a bone ka go a agelela, go tlhokomela matlo a Setswana ka go a pharega ka mmu le go ntshafatsa bojang fa bo setse bo onetse.

A re ba itemogetse fa dijarata di kgona go nna mo selebegong sa matlotla, lentswa batho ba nna mo teng, sebe sa phiri e le gore baabo ba itlhokomolositse tlhokomelo ya one.

A re banni ba rotloediwa go tlhokomela leruo la bone ka go aga masaka kwa tlhoko ga motse, ka go sa dire jaana go baka gore leruo le tlatse leswe mo motseng le go tsosa dikgotlhang mo banning fa le sentse.

Tlhokomelo ya dipompo tse di nosang setshaba le yone go boletswe fa e le kwa tlase, ka o fitlhela mensi a tshologile ka bokete, mo go kailweng fa go bakiwa ke go roma bana go ga metsi kgotsa a tsholotswe le leruo, ka jalo he banni ba kopilwe go tsibogela go sireletsa le go somarela metsi ka go emisa go roma bana le go agelela dipompo.

Fa a tswelela, Mme Mfho a re se sengwe gape se ba se dirang ke go rotloetsa banni go busetsa matlakala  mo tirisong ka go dira dididrisiwa ba dirisa matlakala, a supa fa mo nakong e e fetileng banni bangwe ba ne ba dirile dilwana tse di kgatlhisang mme ba nna le tshono ya go ikgapela dimpho.

Tse tsotlhe di dirwa ka maikaelelo a go tsosolosa bophepa le go ipaakanyetsa dikgaisano tsa metse tsa bophepa, tse go kailweng fa di tlaa tshwarwa mo dikgweding tse di latelang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Boitshepo Setogile

Location : Ikongwe

Event : Potsolotso

Date : 17 Mar 2016