Breaking News

Kgosi thotobolo

17 Mar 2016

Kgosi Kea Lempadi wa Shakawe  a re tiro ya bogosi ke go tsereganya morafe le go atisa tlotlano. 

Kgosi Lempadi o buile se kwa Shakawe fa a tlhoma Kgosi Moropa Mokerenge go nna kgosana ya kgotlana ya Saoshoko bosheng.

O ne a supa mokwalo o o tswang kwa lephateng la dikgaolo o o rurifatsang fa Kgosi Mokerenge a tlaa bo a nna mo setilong go tshwarelela setlogolo sa gagwe, Mme Tena Mokerenge yo e leng ngwana wa kgosi ya pele yo o tlhokafetseng ngwaga o o fetileng.

A re e re ka kgosi thotobolo e olela matlakala, Kgosi Mokerenge o tshwanetse a tsaya mongwe le mongwe ka tekatekanyo go sa kgathalesege gore ke wa seemo kana letso lefe.

O ne gape a tlhalosa fa bogosi bo tlhodilwe ke Modimo ka jalo bo tshwanetse go tlotlwa ke kgosi ga mmogo le morafe wa gagwe.

Mokhanselara wa pele wa Shakawe, Rre Kavetu Kangumbe a re kgosi ga a tseye dikatso kgotsa pipa molomo mo bathong, a supa fa tsela eo e ka mo paledisa go tsamaisa ka fa go tshwanetseng.

A re kgosi o tshwanetse go nna boikarabelo e bile a tshwanetse go itlotla gore batho ba tle ba kgone go mo tlotla le gone go sireletsa seriti sa gagwe.

O ne a tlhalosa fa kgosi a sa tshwanela go omana le go lwa le batho mo mebileng go sa kgathalesege gore batho ba mmuisa jang, a tlatsa fa go tsena ditshele e le go ikisa tlase mo morafeng.

Rre Kangumbe a re kgosi o tshwanetse go kopa thuso le dikgakololo kwa dikgosing tse dingwe fa go tlhokega gore a tle a kgone go tsamaisa morafe wa gagwe sentle.

Fa a ntsha la gagwe mongwe wa batsadi ba ga kgosi yo o tlhomilweng, Rre Tufunguruke Samakena a re go nna kgosi go raya boeteledipele eseng go gataka batho.

“Le fa o tlhomilwe go nna kgosi ga go reye gore o mogolo o tlhophilwe ka gore o ka etela morafe pele ka jalo o tshwanetse wa tlotla bagolo ba motse”, a tlatsa jalo Rre Samakena.

A re “tlhako ya morago e gata fa ya pele e gatileng teng”, ka jalo Kgosi Mokerenge o tshwanetse go busa sentle fela jaaka kgosi ya pele e dirile.

Fa a mo kgwa dikgaba mongwe wa mabutswa pele, Rre Mokove Thao a re kgosi ke kgosi ka batho mme a tlamega go nna moriti wa bone go ba sireletsa fa ba tshabetse kwa go ene.

A re o tshwanetse go tsidifatsa bao ba ba tlang ka mathata a a farologaneng a seka a fetoga a ba tshuba fa ba tshabetse kwa go ene, a supa fa a tshwanetse go nna pelotelele.

E ntse e le gone kwa Shakawe Rre Dumisang Modisaotsile o tlhomilwe go nna kgosana ya kgotlana ya Rweye. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kesentseng Baagedi

Location : Shakawe

Event : Peo ya kgosi

Date : 17 Mar 2016