Breaking News

Morero o dia go bulwa ga maemelo a di bese

16 Mar 2016

Modulasetilo wa khansele ya Kweneng, Rre Jeffrey Sibisibi, a re  go bulwa ga maemelo a dibese kwa Molepolole go diilwe ke thulaganyo ya go rerisanya pele le ba ba amegang. 

E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa borakalalao bosheng, Rre Sibisibi a tlhalosa fa kago ya lefelo leo e weditswe, mme khansele e tlamega go netefatsa pele gore botlhe ba ba amegang ba rerisiwe ka fa tshwanelong. 

Modulasetilo o kopile morafe go nna pelotelele mme ba solofele fa morero o tlaa wediwa mo nakong e e sa fediseng pelo mme lefelo la maemelo a dibese le tsene mo tirisong.

Rre Sebisibi o kopile morafe go begela khansele tshenyo ya dikago e e ka tswa e bakilwe ke go dirwa ga maemelo ao gore go dirwe ditshekatsheko go batlisisa bonnete jwa kgang eo.

Batho bangwe ba kgaolwana ya Borakalalo ba lela ka gore ba thubegetswe ke matlo le gore metsi a a sa laolesegeng a ba tsenelela mo malwapeng ka gore tiro eo e tswetse mesele e e laolang kgopho ya metsi.

morago ka mabaka a gore dilo di ne di sa tsamaya sentle, mme di supa gore se se lolameng se tlaa salwa morago go netefatsa gore dilo di direlwa mo pontsheng.   Mme Babedi Gokgang ene o kopile boeteledipele jwa morafe wa Mokwena go tsenya leitlho go batlisisa bothata jo bo bakang kwelo tlase ya maduo a sekole sa Kgari Sechele, a re o tlhobaela gore a jaana ruri barutabana ba sekole seo ba sa adima tshwene marapo le fa gone boitshwaro jwa baithuti bo ka tswa bo na le seabe ka tsela nngwe.

A re seemo sa Kgari Sechele se a tshwenya, mme ka jalo a kgothatsa boeteledipele go loga maano a ka fa seemo go ka itepatepanngwang naso ka teng le gone go thusa go tsosolosa mowa wa kgaisano e go lebegang o tlhaela mo tsamaisong ya sekole seo. 

Mabapi le kgang ya ga Mme Ndintiwe Mabutho, gore ditsha tse disha gaufi le  lebala la ditshupo di tshwanetse go nna le leina go di farologanya le tse dingwe, morafe wa kgotla ya Borakalalo o atlile mogopolo wa kgosi ya bone Rre Sesiane gore lefelo leo le bidiwe Sesha, go supa fa ditsha tseo e le tsa peo ya sesha.

Mabapi le gore kgaolo eo e sa tsenyediwa metsi, modulasetilo Sebisibi o ne a tlhalosa fa  a dumela gore go wediwa ga moalo wa ditogamaano tsa motse wa Molepolole go tlaa thusa go rarabolola bothata jwa batho ba kgaolwana eo. 

Mokhanselara wa kgaolwana ya Borakalalo, Rre Arafat Khan ene o ikuetse mo boeteledingpele jwa Mokwena go tlhotlhomisa tiriso ya diofisi tsa TEBA tse di kwa kgaolwaneng ya Borakalalo gore ke tsa ga mang, di dirisediwa eng ke mang le gore di amana jang le morafe wa Bakwena.  

Mokhanselara a re o dumela fa dikago tseo di sa tshwanela go itlhokomolosiwa go se ope yo o tlhaloganyang ka ga tsone, mme o dumela fa nako e gorogile  gore go batlisisiwe gore TEBA yo mogologolo o teng jang ka e bile go kailwe fa lefelo leo le le leswe, le sena tlhokomelo e bile le ka oka le jone borukutlhi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : Molepolole

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 16 Mar 2016