Mananeo a puso a thusa
15 Mar 2016
Kgosi ya Radisele, Kgosi Dr Kakanyo Botoka, a re mananeo a puso e tsileng ka one go inola Batswana mo lehumeng a thusa thata.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Kgosi Botoka a re mananeo jaaka Ipelegeng, nyeletso lehuma le la banana la Tirelo setshaba a thusa thata ka banni ba motse wa gagwe ba inaakantse thata le one.
A re le fa dikatso mo mananeong a tshwana le ipelegeng di se kalo, bangwe mme ba itirela sengwe se se bonalang ka one jaaka go ikagela matlo a re mongwe wa ba ba itshetsang ka Ipelegeng o sa tswa go fetsa ntlo ya gagwe e kamore nngwefela ka dikatso tsa lenaneo leo.
Kgosi botoka a re batho ba le mmalwa mo motseng ba bone dithuso tsa lenaneo la nyeletso lehuma a re le fa bangwe ba sa amogela didirisiwa tsotlhe, ba tsweletse le go dira ba ntse ba emetse tse dingwe.
A re le banana ba ba mo lenaneong la bone bangwe ba supa bokgoni le maikarabelo a ko godimo mo ditirong tsa bone e bile go supa fa ba nyoretswe go ithuta le go itse tiro ya bone.
Mo go tse dingwe kgosi Botoka o tlhalositse fa ba itemogetse kwelo tlase mo dikgannyeng tsa borukhutlhi a re seo se itumedisa thata ka go supega gore bana ba reetsa fa ba kgalemelwa. A re ba lemogile gape gore nako ntsi borukhutlhi jo bo diragalang bo a bo bo dirwa ke batho ba ba tswang ko ntle ga motse wa bone.
Kgosi Botoka o ledile ka letlhoko la metsi mo motseng a re seemo seo se dia ditlhabololo.
A re ba kgona go tsaa lebaka la kgwedi go sena metsi a re dikago di eme go tswelela mmogo le ditshimo tsa merogo tsa batho tse di palelwang ke go golela pele ka ntlha ya letlhoko la metsi.
A re le fa ba itumelela maiteko a ba koporase ya metsi ba ba agang ba tla go ba siela metsi ka dikoloi tsa bone o ne a ka eletsa thata gore seemo sa metsi se boele mo taolong gore batho ba kgone go tswelela ka letlhoko la metsi le ama ditiro ka bontsi tse bangwe ba di dirang go itshetsa mmogo le ba malapa a bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesedi Lephojane
Location : RADISELE
Event : Phuthego
Date : 15 Mar 2016






