Modipane o aga leobo la kgotla
15 Mar 2016
Banni ba Modipane mo kgaolong ya Kgatleng ba tshwaragane le namane e tona ya go aga leobo la kgotla ya motse wa bone.
Mo puisanong bosheng, Kgosi Ishmael Mokalake, o tlhalositse fa ka ngwaga wa 2014, banni ba Modipane ba ne ba dumelana gore ba ikagele leobo la kgotla go fa kgotla eo seriti.
Kgosi o ne a tlhalosa gore ba ne ba nna le moletlo o o neng wa bulela tshimolodiso ya go aga leobo la bone ka Hirikgong monongwaga a supa fa a ne a kopana le morafe wa gagwe go tla ka maano a go kgobokanya madi. “Re tlhaloganya gore puso ga e na madi ebile ka gotwe mokoduwe go tsosiwa o o itekang, re le morafe re ne ra dumelana gore mongwe le mongwe yo o kgonang a thuse ka se a nang le sone,” ga tlhalosa Kgosi Mokalake.
A re gape ba dumelane e le morafe gore mongwe le mongwe mo motseng wa bone a koleke P100 e le tsela ya go kokoanya madi go feleletsa leobo la bone.
Kgosi Mokalake o tlhalositse fa khansele e ne ya ba thusa ka batshwantshi ba leobo, a tlatsa ka gore batho bao ba ne ba dira tiro e ntle fela thata.
Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa go ne ga nna le dikhamphani tse di neng tsa itlama go thusa ka kago ya leobo a tlatsa ka gore marekisetso a Easy Hardware a ne a thusa ka didirisiwa tsa kago tse di lopileng dikete tse tlhano tsa dipula fa Marvel Hardware yone e ne ya thusa ka disamente.
Kgosi Mokalake a re kereke ya Big Home Ministries yone e ne ya thusa ka go reka ditena tse dinnye di le dikete tse di robang bobedi, mme American Chemical Solutions yone ya thusa ka go ntsha dino tsididi tse di neng tsa nowa kwa moletlong wa go bulela kago ya leobo leo.
Kgosi a re banni ba ne ba ithaopa go aga leobo ntle le dituelo dipe a tlatsa ka gore ba ne ba aga ka botswerere le bonokopila.
A re le gompieno ba supile kgatlhego ya go thusa go feleletsa kago ya leobo ka ba nna ba tlhola gore a didirisiwa di teng go tla go tsweledisa kago.
O tlhalositse fa kago ya leobo e sa ntse e eme ka ba sena ditsompelo tsa go tsweledisa kago a supa fa ba tlhoka ditena, dikota le bojang jo bo rulelang. Kgosi o tladitse ka gore morafe o amogela thuso epe fela e Batswana ba ka e ba fang go feleletsa kago.
A re ba ikaelela go dira sefikantswe se se tlaa kwalwang maina a botlhe ba ba tlaa tsayang karolo mo go ageng leobo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kesego Ngwai
Location : MODIPANE
Event : Phuthego
Date : 15 Mar 2016






