Seabe sa motsadi mo thutong ke peo ya katlego
15 Mar 2016
Letsogo la motsadi mo thutong ya ngwana ke peo ya katlego mo thutong.
Se, se builwe ke modulasetilo wa lekgotla la batsadi le barutabana la Radisele Junior Secondary School, Mme Damabuya Moeng, mo potsolotsong bosheng morago ga thuto seka-dipuisano ya batsadi le barutabana e e neng e itebagantse le kgodiso ya bana.
Mme Moeng o tlhalositse fa tirisano mmogo fa gare ga batsadi le barutabana ba sekolo sa Radisele e le e e itumedisang lefa gona le batsadi bangwe ba e reng bana ba bone ba lofile sekolo ba seke ba tseye kgato epe go gwetlha bana go ya sekolong.
O kaile fa batsadi batla diphuthegong tsa batsadi le barutabana ka dipalo tse di nametsang.
O boletse fa palo ya batsadi ba ba tlang go tsaya mokwalo wa maduo a bana e nna ele kwa tlase ka gore batsadi bangwe ba tseela bana ba batsadi ba bangwe mokwalo wa maduo.
O boletse fa bana ba batsadi ba ba sa kgathaleng fa ba lofa sekolo ba tshabelelwa ke go ima ba santse ba tsena sekolo.
Mme Moeng o tlhalositse gore e re le ntswa barutabana ba Radisele ba iteka, maduo a baithuti a tsweletse ka go fetoga ngwaga le ngwaga ka gore ngwaga o mongwe sekolo se dira sentle mme ngwaga o o latelang maduo a wele kwa tlase.
O tlhalositse gore lekgotla la batsadi le barutabana le ikaelela go tokafatsa maduo a bana ka go dira thuto se ka dipuisano ya batsadi le barutabana e ba neng ba e dirile ngwaga le ngwaga le thuto seka dipuisano ya bana le batsadi go simolola mono ngwaga.
O tsweletse ka go tlhalosa gore lekgotla la batsadi le barutabana le na le maikaelelo a go aga mantlwana a borutelo mo sekolong sa Radisele Junior Secondary School.
Mme Moeng one a akgolela baithuti ba Radisele Junior Secondary School go itshwara sentse ka ga ba isi ba nne le mathata a a apereng dikolo tse dingwe jaaka bana ba ba betsang barutabana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Phidson Mojoker
Location : RADISELE
Event : Thuto seka-dipuisano
Date : 15 Mar 2016






