Breaking News

Dingwetsi di kopilwe go nna tlhaga mo go ageng malwapa

15 Mar 2016

Dingwetsi di kopilwe go nna tlhaga go aga malwapa a a eletsegang. 

Mme Margret Molefhi a re se se ka kgonagala fa bomme ba ka nna le boitshoko mo malwapeng a bone le go rata bo matsalaabone.

E rile a bua mo phuthegong ya go rola lekalana la lekgotla la Dingwetsi Association kwa Mmanoko bosheng, Mme Molefhi o ne a supa fa bomme ba dingwetsi ba le botlhokwa mo go ageng setshaba se se bopaganeng ka jalo ba tshwanetse go aga motheo wa lelwapa o o nonofileng.

Mme Molefhi o supile fa dingwetsi di tsere maikano fa pele ga Modimo gore ba tlaa tlhokomela malwapa a bone, ka jalo ba tshwanetse go supa boitshoko dinako tsotlhe, ka se se ka ba baya gaufi le ditshegofatso tsa Modimo.

O ne a bolela fa lenyalo kana botshelo di na le dikgwetlho, a supa fa mo tsamaong ya botshelo batho ba agile mmogo ba ka direlana diphoso mme tse di ka kgonwa ke go itshwarelelana le go ipaya fa pele ga ga Ramasedi.

Mme Molefhi o ne a kopa dingwetsi go se dirise dikgwetlho tsa lenyalo jaaka seipato go tshabela manyalo a bone, a supa fa boitshoko, boineelo le tumelo e le konokono ya botshelo gape di ka ba fa mautlwelobotlhoko a Modimo.

Modulasetilo wa dingwetsi tsa Gaborone, Mme Semmolaeng Machangana o supile fa bontsi jwa malwapa a thujwa ke go tlhoka go tshephagala mo lenyalong le go tlhoka go supa ka nako ya tshimologo ya lenyalo dilo di tshwana le dikoloto tse e a reng mo tsamaong di felele di imela lelwapa.

O ne a kopa dingwetsi go seke ba nna ba tshwantshanya bokgoni jwa banna ba bone le jwa banna ba baagisanyi ka ba ka se itse gore ba kgona jang (banna ba baagisanyi) tsa malwapa a bone, ka jalo ba amogele seemo sa malwapa a bone le go tswelela ngwetsi e rera le rre go tokafatsa botshelo jwa lelwapa go ya ka bokgoni jwa bone.

Fa a leboga, mokhanselara wa kgaolo, Rre Borumolano Mathwai o ne a supa fa go simolodisa lekgotla mo Mmanoko go tlaa thusa go aga tshaba e e nonofileng e bile e tlotla ngwao ya yone, selo se a boletseng fa se ka tsisa kagiso mo setshabeng.

O ne a kopa dingwetsi go nna sekao mo bananeng ka go supa boitshwaro jo bontle jwa ngwetsi ya Setswana ka go aga motheo o o nonneng go tsweng ko moding, mme a ba kopa go nna le boitshoko le go nna le tumelo mo Modimong. 

Bokopano bo ne jwa supa botlhokwa jwa go simolodisa makalana lefatshe ka bophara. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Emmanuel Tlale

Location : MANOKO

Event : Phuthego

Date : 15 Mar 2016