Puso e tlaa ithola go rekisa ditsa temo thuo
15 Mar 2016
Puso e ikaelela go intsha mo thekisong ya dijo tsa leruo le tse dingwe tsa temo-thuo go di neela marekisetso a a ikemetseng ka nosi jaaka a Botswana Agriculral Marketing Board (BAMB).
Se se tlhalositswe ke mopalamente wa Serowe Bokone, Rre Kgotla Autlwetse, mo phuthegong ya kgotla kwa Moreomabele.
A re puso e ntse e le yone e rekisang di tsa temo-thuo, segolo jang dijo tsa leruo, melemo le tse dingwe fela jalo ka Livestock Advisory Centre (LAC).
Rre Autlwetse, yo gape e leng, mothusa tona wa temo-thuo, a re se, ne sa dira gore go nne le phadisano ya ditlhwatlhwa le ba ba ikemetseng ka nosi le puso, mme sa dira gore puso e ketefalelwe ke go tsamaisa tiro eo.
Ke gone ka moo puso e neng ya bona gore e neele BAMB go dira tiro eo ka bone ba tlaa laola ditlhwatlhwa, seo se sa reye gore ka dinako tsa leuba puso ga e na go sekasekela balemi-barui ka ditlhwatlhwa phokoletso jaaka e ntse e dira.
A re tsamaiso ya go reka ga puso e bonya ka e tshwanetse ya latela melawana ya theko ya dithoto tsa puso, ka jalo nako e nngwe go tsaya lebaka go reka melemo le dijo go letilwe baipapatsi le go sekaseka ditlhwatlhwa tsa yo go ka rekwang mo go ene, mme seo se felele se kgoba balemi-barui marapo ka nako le nako ba fitlhela tse ba di batlang di seo.
Rre Autlwetse o ne gape a tlhalosa gore bodiredi jo bo neng bo dira mo lekalaneng la LAC bo tlaa sekasekelwa gore bo ya kae, mme ba ba setseng dingwaga tsa bone di ba letla go ya go ikhutsa ba tlaa duelwa, fa ba ba sa ntseng ba le dingwaga tse di kwa tlase bone ba tlaa tsenngwa mo makalaneng a mangwe a puso le gone kwa BAMB tota.
Mme o ne a kgothatsa balemi-barui go fokotsa leruo la bone go dirisa sebaka se sentle se puso e fokoditseng ditlhwatlhwa tsa dijo tsa leruo go di reka ka bontsi go tla go di fepa ka nako eno ya leuba.
Rre Autlwetse o ne a kgothatsa banni go rekisa dikgomo le go baya madi kwa dibankeng kana go a dirisa mo go tse di ka ba tsenyetsang madi jaaka go aga matlo a phiriso mo metseng ya bone segolo jang go lebeletswe gore bodiredi bo tlhaelelwe ka maroko.
A re methale ya khumo e mentsi e tlhoka balati, a re batho ba itlhabolole ka tse ba nang le tsone, mme ba ba senang sepe ba dirise mananeo a puso, go itshimololela ditiro le go tlhamela bomorwaraabone ditiro.
Mothusa tona o ne a kopa lephata la boipelego go fefosa tshekatsheko ya ba-na-le-bgole gore le bone ba akole mananeo a puso, mme a laela banana go dirisa madi a lephata la banana mme ba tswe mo dinkgong tsa dinotagi.
O ne a lebogela gore dikgosana tsa tetlanyo di bo di bona dikatso tsa bone kwa Moreomabele.
Morago o ne a abela komiti ya ditlhabololo tsa motse dikipara di le lesome le dibolo di le nne go di abela ditlhopha tsa kgwele ya dinao, mpho e nngwe e ne e etswa kwa go Tautona e ya kwa kgaolwaneng ya bokhanselara jwa Topisi, yone e le paka ya kgwele ya dinao, dikausu dikipara le marokgwe a tsone, tse di tlaa gaisanelwang ke ditlhopha tsa kgaolwana eo.
E ne erile go le pele, mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Kealeboga Chabaesele a lebogela puso go bo e kgonne go tsisa lenano la turn-key la SHHA le tse dingwe tse di kgonnweng, mme a gakolola gore fa lenaneo la ESP le dirwa, go gakologelwe tse di neng di setse di akantswe kwa motsing wa bone mo ditogamaanong tsa DDP 8 le NDP 11.
Mokhanselara wa kgaolo, Rre Artie Boitshwarelo, o ne a lebogela tirisano mmogo ya bodiredi a re ba dira tiro ya bone ka botswerere mo kgaolong ya gagwe, a re fela jaaka go seke go tlhokega madiadia a ka dinako tse dingwe a bakwang ke diemo tse di fetileng bodiredi, seo ke se ba se amogelang ka ba busediwa phetolo nako le nako. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 15 Mar 2016






