Breaking News

ESP e tlaa godisa itsholelo

14 Mar 2016

Mokwaledi mogolo wa ofisi ya ga Tautona Rre Carter Morupisi, a re lenaneo la go rudisa itsholelo la Economic Stimulus Programme (ESP) ga se sepe se se ka gakgamalelwang ka gore le setse le supile fa le bereka ka mafatshe mangwe a kile a le dirisa go tsosolosa itsholelo ya one.

O buile seo a lekodisa badirelapuso ba kgaolo ya Bobirwa ka Labone.

A re ESP e tlaa tsolosa mehama ya temo-thuo, bojanala, go tlhama mebereko  le go tsosolosa itsholelo ya magae ka go abela ikgwebo tsa beng gae ditiro tsa puso.

Rre Morupisi a re badirelapuso ke bone ba lomaganyang lenaneo le mme bontsi jwa ditiro bo tshwanetse go tsamaisiwa ke dikgwebo tse di ikemetseng ka nosi.

A re puso e ne ya tswa ka lenaneo le ka gore ka ngwaga wa 2008, go ne ga nna le kwelo tlase ya itsholelo mme se sa baka gore ditiro di le dintsi tsa ditlhabololo di seegelwe kwa thoko.

O supile fa mo dingweng tseo fa motsetse a ne a ja ka letsogo, mafatshe a le mantsi a ne a fokotsa bodiredi fa Botswana ene a sike a kgaola ope mo ditirong.

Rre Morupisi a re le mo sebakeng sa gompieno seemo se ntse ga se jetse diwelang ka gore mo ngwageng o o fitileng wa 2015, seelo se se neng se beilwe sa go rekisa diteemane tsa P20 billion se sa kgona go fitlhelwa mme go rekisitswe P10 billion fela.

A re go tsosolosa mehama e tshwana le ya bojanala le temo thuo go tlaa dira gore bontsi jwa batho ba ba senang ditiro bogolo jang banana ba kgone go bona mebereko.

O rotloeditse bodiredi jwa kgaolo ya Bobirwa bogolo jang jwa dikole go reka dithoto tsa beng gae gammogo le go dirisa banni ba mafelo ao go baakanya mafelo a borutelo fa go senyegile go na le go tsaya bagwebi go tswa kwa ntle.

Rre Morupisi a re go reka kwa ntle ga mafelo kgotsa kgaolo go ka dirwa fela fa dithoto kgotsa ditirelo tse di tlhokwang di seo mo mafelong ao.

Fa a ama  mafelo a itsholelo a a faphegileng (Special Economic Zones) a re lenaneo la ESP le ikaelela go godisa mafelo ao a supa fa thulaganyo ya SPEDU e na le lefelo la go tlhotlha dithoto tsa temo kwa Selebi Phikwe a supa fa moepo wa BCL e le  one fela o o kgonang go nyerolosa tshipi. 

O lekodisitse bodiredi fa ofisi ya ga molaodi e le yone mogokaganyi wa ditiro tsa lenaneo la ESP mo dikgaolong e bile e fuduseditswe kwa ofising ya ga Tautona go tswa kwa lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae.

Rre Morupisi o lebogetse kgaolo ya Bobirwa go bo e ne ya thapa beng gae go aga matlo a le lesome le bosupa a batho ba ba neng ba senyediwa ke setsuatsue se se neng sa senya matlo a bangwe banni ngwaga o o fetileng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Goratileone Kgwadu

Location : Bobonong

Event : Bokopano

Date : 14 Mar 2016