Botsalano jo bo lolameng bo ka tokafatsa maduo
14 Mar 2016
Mogolwane wa Scripture Union Botswana, Rre Baatweng Motladiile, a re botsalano jo bo lolameng fa gare ga motsadi le ngwana bo ka thusa go tokafatsa maduo mo dithutong le maitshwaro ka kakaretso.
Rre Motladiile o buile seo kwa thuto seka-dipuisanong e e neng e rulagantswe ke sekole se segolwane sa Radisele bosheng.
Maikaelelo e ne e le go lekodisana le batsadi ka kgodiso ya bana ba sekole seo, le go ba lemosa botlhokwa jwa thuto ga mmogo le go rerisana ka methale e ba ka e dirisang go tokafatsa maduo.
Rre Motladiile a re batsadi ba tshwanetse go tlhaloganya bana ba bone le go bua le bone ba sa le babotlana ka dilo tse di botlhokwa mo botshelong, a rotloetsa bo rre go tsaya karolo e tona mo matshelong a bana go na le go tlogelela bomme ba le nosi tiro eo.
Rre Motladiile o ne a bolela gore go le gantsi batsadi ba tabogela go otlhaya bana go na le go batlisisa se se ka tswang se baka gore bana ba seka ba dira jaaka batsadi ba eletsa. A re seo ga se a siamela ope wa bone ka kotlhao e ka se fetole sepe ntle le puisano.
O buile fa go tshwenya thata gore sekole seo se bo se le mo maemong a bomasome a mararo le bone mo dikoleng tsa kgaolo ya Legare tse di masome a a robang bobedi le borobabongwe, a re ba tshwanetse go eletsa le bone go nna mo maemong a a ko godimo a tlhalosa fa seo se ka diragala fela ka tshwaragano e ka nna teng magareng ga batsadi, barutabana le baithuti.
Fa a tswa la gagwe, Mme Cynthia Mahube yo e leng leloko la PTA, a re go botlhokwa gore bana ba nne le motheo o o lolameng go tswa kwa moding gore ba tle ba gole sentle ba itekanetse mo mmeleng le ditlhaloganyo.
Mme Mahube a re tlhokomelo e ntle ya ngwana e na le seabe se segolo mo thutong ya ngwana. a re batsadi ba tshwanetse go netefatsa ka dinako tsotlhe gore bana ba na le tse ba di tlhokang jaaka kapari e feletseng ya sekolo ka botlhoki bope hela bo kgona go itsa ngwana go baa kelelelo ya gagwe yotle mo dithutong.
O tsweletse a kopa batsadi gore ba itlwaetse go akgola bana fa ba dirile sentle go na le go nna ba bua le bone fela ba ba kgalela go sa dira sentle.
Mongwe wa batsadi o ne a ntsha mogopolo wa gore e re dikolo di tswetswe, batsadi ba rotletse bana go dira ditlhopana tse ba ka nnang ba dira tiro ya sekolo mmogo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lesedi Lephojane
Location : Radisele
Event : Thuto puisano
Date : 14 Mar 2016






