Tshenyetso setshaba e ka ama ESP
14 Mar 2016
Badirelapuso ga ba a tshwanela go amega mo ditirong tsa tshenyetso setshaba gore lenaneo la go rudisa itsholelo la ESP le tswe maduo.
Fa a bua mo phuthegong ya badirelapuso e e neng e buisiwa ke mokwaledi mogolo wa ga Tautona, Rre Carter Morupisi, kwa Palapye ka Labotlhano, mookamela lephata la twantsho tshenyetso setshaba, Mme Rose Seretse, o ne a tlhalosa fa lefatshe leno e le la Motswana mongwe le mongwe ka jalo ba tshwanelwa ke go ema ka dinao gore tshenyetso setshaba e seka ya digela lefatshe ka lemena.
A re tshenyetso setshaba e ka ama lenaneo la ESP mme madi a a neng a ntshitswe go tsamaisa ditiro tsa lenaneo le a ka tloga a tsena ka dipata tsa batho ba ba palo potlana.
A re go botlhokwa gore badirelapuso ba nne podi matseba fa ba aba ditiro tsa lenaneo le, a re ba seka ba nna fela mo diofising mme ba tswele kwa ntle go bona gore a dikhamphani tse di filweng tiro di teng ka boammaaruri le gore a di dira tiro.
A re mo gongwe dikhamphani tsa Batswana di fiwa ditiro mme tiro yone e dirwa ke dikhamphani tsa batswakwa.
A re selo se ga se letlelesege mme ke dingwe tse di ka diragalang fa badirelapuso ba sa tlhole ditiro tse di abilweng.
Mme Seretse a re badirelapuso ba nne podi matseba fa ba kopa dkhamphani go ba rekisetsa didirisiwa ka gore dingwe di rekisa dithoto ka madi a mantsi fela ka gobo di rekisetsa puso.
A re ba simolole go tsenya selo se leitlho le go bona gore dithoto tse di tsisiwang ke tsa boleng jo bo ko godimo.
A re badirelapuso ba tlogele mowa wa go fiwa dimpho, a re go phophothiwa legetla go le nosi go lekane.
Fa a tswa la gagwe, Rre Morupisi a re ESP ke boikarabelo jwa modirelapuso mongwe le mongwe go sa kgathalesege gore o berekela fa kae.
A re mongwe le mongwe fa a direlang teng o tshwanetse go bereka ka botswapelo go isa lefatshe kwa mankalengkaleng.
A re ESP e ka kgonega fa badirelapuso botlhe ba na le maikaelelo a le mangwe fela, a re ke sone se a tsweletseng ka go buisa diphuthego tsa badirelapuso tse di itebagantseng le lenaneo la ESP.
A re itsholelo ya lefatshe leno e e ntseng e ikaegile ka thekiso ya diteemane e ile ya amiwa ke kwelotlase ya itsholelo ka 2008 ka jalo puso e tsile ka lenaneo la ESP go tsosolosa itsholelo.
A re ESP e itebagantse le mehama ya dikago, ditsela, tsa bojanala le temo thuo.
A re mo mohameng wa temo-thuo, go na le lefelo la Dikabeya la temo ya nosetso le Batswana ba ka ithutang kwa go lone go lema merogo le tse dingwe go itlhamela mebereko.
A re tiro ya bodirelapuso ke go leka ka ditsela tsotlhe go bona gore dijo tse di ntshiwang kwa Dikabeya di thusa go jesa lefatshe leno.
A re madi a a dirisiwang go reka dijo kwa ntle ga lefatshe leno a mantsi fela thata ka jalo fa lefatshe leno le itirela dijo go ka fokotsa go reka dijo ko ntle.
Rre Morupisi a re Palapye ke lefelo le go dirwang ditiro tsa diatla ka mokawana ka jalo madirelo a tshwana le a Makoro a a dirang ditanka tsa metsi ga mmogo le madirelo a a dirang diphaephe tsa tshipi a botlhokwa.
O tlhalositse gape ka madirelo a a ko Selebi Phikwe a a dirang dijo tse di tswang mo dijong tse di sa tswang go robiwa.
A re madirelo a a ka tswela kgaolo ya Tswapong mosola ka e na le balemi ba bantsi, a re se se batlegang ke gore temo-thuo e nsthe maduo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : Palapye
Event : Phuthego
Date : 14 Mar 2016






