Breaking News

Tsheko le Mmolai ba ikemetse ka dinao

14 Mar 2016

E re ka lefatshe la Botswana le agilwe ka go itirela, Batswana bangwe ba sa ntse ba tsweletse ka mowa oo.

E rile fa puso e lemoga gore bontsi jwa Batswana ba eletsa go dira mme ga ba na ditsompelo, ya tla ka mananeo a a itebagantseng le go thusa ba ba eletsang go ikapola lehuma le gone go tokafatsa matshelo a bone.

Lengwe la mananeo a a thusang Batswana kwa dikgaolong ke lenaneo la nyeletso lehuma.

 Le fa go ntse jalo, Batswana bangwe bone ba itirela fela ntle le dithuso dipe ka jaana ba rata se ba se dirang e bile ba ititeile sehuba gore ba tlaa dira ka natla go ntsha maduo mo ditirong tsa bone.

Mo puisanong bosheng, monni wa Artesia, Rre Sebetso Tsheko, wa dingwaga tsedi masome a marataro le bosupa, o supile fa a sa ipone tsapa ka a santse a le majato e bile a dumela mo go itireleng ka diatla.

Rre Tsheko o tlhalositse fa a tswa kgakala a suga matlalo go dira dikgole le mealo ya matlalo. “Ke godile ke bona bagolo ba suga matlalo, ka ke le motho yo o kelotlhoko, ke ne ka anywa botsipa jwa go suga ke sale monnye mme le gompieno ke ntse ke suga matlalo mme e bile ke go patagantse le go betla,” ga tlhalosa Rre Tsheko.

O tsweletse ka gore go supa kgatlhego go dira gore tiro e nne motlhofo ka le go betla a go ithutetse mo go malomaagwe mme gompieno a ntse a tshwere ka thata a betla dikika, metshe, mefinyana le megopo le maso tota. Ntswa a itirela ka diatla, Rre Tsheko o tlhalositse fa theko e le kwa tlase mme a re seo ga se mo kgobe marapo ka jaana a dira ka lorato.

Rre Tsheko o ne a tlhalosa fa a sa ikaege fela ka go betla le go suga matlalo ka jaana e le molemi-morui mme a bile a tlhokomela leruo la gagwe kwa masimo e le tsela e nngwe ya go itshetsa.

E re dikgang di eme jalo,  Mme Itumeleng Mmolai wa digwaga tse di masome a  mane le bosupa ene o apaa a bo a rekisa borotho.

Mme Mmolai o tlhalositse fa a simolotse kgwebo ya borotho ngwaga o o fetileng ka kgwedi ya Ngwanatsele, mme a ikopela dithuso ka lenaneo la nyeletso lehuma. “Ke ne ka isiwa dithutong tsa go apaya borotho lebaka la beke mme ko morago ka neelwa ditsompelo tsotlhe mme ka tswelela le kgwebo ya me,” Mmolai a tshwaela.

O ne gape a tlhalosa fa a ithutile go le go ntsi nako ya fa a ile dithutong tseo ka a ne a anywa botsipa jwa go apaya marotho a mangwe le go tshegetsa bophepa fa a apeelang teng. O tshwaetse  gape fa a ne a ithuta go tsamaisa kgwebo ya gagwe.

Mme Mmolai o tlhalositse fa a ne a neelwa setofo sa gase le fa ntswa a ise a e neelwe mme o supile fa seo se sa emisa kgwebo ya gagwe ka jaana a ne a sale a itiretse boapeelo jwa Setswana go apaya borotho jwa gagwe. O tsweletse ka go tlhalosa fa a ne a neelwa setofo le setsidifatsi  mme a re kgwetlho ya gagwe ke go tlhoka motlakase.

“Dikgwetlho di nna di le teng, jaaka gompieno ke reka dikgong mo bathong ka gore ga ke dirise gase mme seo ke poelo morago ka ke dirisa madi a dipoelo a ke ka bong ke ne ke tsholetsa kgwebo ka one.”

Le fa go ntse jalo, Mmolai a re o apaya mapakiwa le diphaphatha di ka nna lekgolo ka letsatsi mme a tsamaye a rekisa mo motseng. A re banni ba mo eme nokeng ka go reka borotho jwa gagwe mme e bile o rekisetsa badirelapuso kwa sekoleng le kwa kgotleng.

Mme Mmolai o ne  a tlatsa ka gore ba komiti ya ditlhabololo tsa motse ba a tle ba mo neele tiro ya go ba apeela borotho fa ba na le mediro mme seo se mo thusa go dira dipoelo tse di botoka.

O tlhalositse fa dinako tse dingwe borotho bo a tle bo sale mme a patelesege go fokotsa tlhwatlhwa, a re mme seo  ga se mo  kgobe marapo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kesego Ngwai

Location : Artesia

Event : Potsolotso

Date : 14 Mar 2016