Makhanselara a batla kakaretso ya botlhe mo ditogamanong
14 Mar 2016
Makhanselara a khansele ya Kgalagadi a boletse fa ka ngwaga wa 2036, ba eletsa gore Motswana mongwe le mongwe a bo a tsaya karolo mo ditogamaanong tsa mananeo a a farologaneng a puso.
E rile ba ntsha maikutlo a bone fa pele ga lekoko le le romilweng ke Tautona go tsaya megepolo ya tebelelopele ya 2036 kwa phuthegong ya khansele bosheng, makhanselara a supa fa lefatshe leno le itsege ka puso ya batho ka batho ka jalo seriti seo se tshwanetswe go atolosiwa le Motswana mongwe le mongwe, go sa kgathalesege gore ke wa letso kana tumelo efe, e le sone sebaka sa go direla lefatshe la bone.
Mokhanselara wa Kang Bokone, Rre Kemmonye Makatane, a re Batswana ba tshwanetse go akarediwa ka go bonala fa taolo ya itsholelo mo nakong eno e tsamaela go nna mo diatleng tsa batswakwa.
Ka jalo, Rre Makatane a re seemo seo se tshwanetse go potlakelwa ka go fa Batswana taolo ya go laola itsholelo ya bone.
Mokhanselara Henry Louw wa Werda o ne a iteela kobo moroko mafoko a ga Rre Makatane tebang le go akaretsa Motswana mongwe le mongwe mo go tlhabololeng lefatshe.
Rre Louw o ne a tswelela ka go kaya fa dikgaolo tsa Botswana di aperwe ke dikgwetlho tse di farologaneng ka jalo o bona go tlhokafala gore puso e fe dikhansele dithata le ditlamelo tse di lekaneng go itsamaisetsa dikgaolo ka ngwaga wa 2036. A re mo mafatsheng a a mabapi jaaka Aferika Borwa, di kgansele di filwe dithata go itsamaisetsa merero ya tsone ka jalo seo se fokoletse puso mokgweleo.
Rre Louw o ne a tswelela ka go tlhalosa fa seemo sa thuto mo lefatsheng leno se sa kgotsofatse ka jaana boleng jwa thuto bo wela tlase ka gore bana ga ba rutiwe methale e e maleba ya go itsheditsa ba sa ntse ba tsena sekole.
Rre Louw a re o dumela gore go ruta dithuto tsa diatla e le yone tsela fela e e tlaa lwantshang seemo se se golelang pele sa letlhoko la ditiro mo bananeng.
Le fa go ntse jalo, Rre Nkatlholang Simane, yo e leng mokhanselara yo o itlhophetsweng, o boletse fa ene a eletsa go bona ditlamelo le meamuso ya puso e abelwa dikgaolo ka tekatekanyo gore Motswana mongwe le mongwe a tshele ka boitumelo mo dingwageng tse di masome a mabedi tse di tlang.
O ne a tswelela ka go supa fa gape a bona go le maleba gore ngwao ya Setswana e tsosolosiwe le jone botho le boitsholo jo Batswana ba itseweng ka jone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Kgathileng
Location : TSABONG
Event : Phuthego ya khansele
Date : 14 Mar 2016






