Masukwane o amogela molelo ka boitumelo
14 Mar 2016
Go lebanye gore Batswana ba bo ba tsweletse ka go tshegetsa le go ipelela tshwaragano ya bone.
Se se builwe ke mokhanselara wa kgaolwana ya Mosojane, Rre Mbaakanyi Smart, kwa ipelelong molelo wa kgolagano kwa Masukwane ka Labotlhano, kgwedi e tlhola lesome le bongwe.
Mokhanselara Smart a re e re ka go tshela mmogo ntle le kubetsano ya mothale ope e le selo se sentle, Batswana ba tshwanetse ba kgaratlhela go bona gore kagiso e e renang e ga e kgoberiwe ke sepe.
O ne a supa gore e re le mororo lefatshe leno le na le diphathi tsa sepolotiki di le mmalwa, ga le ise le nne le dikgoberego dipe.
A re go tshedisanya mmogo ka kagiso go nnile le seabe mo go tsiseng lefatshe leno fa le leng teng, mme ka jalo go le botlhokwa gore mosepele wa go ya pele o seka wa kgoreletsega ka gope.
Rre Smart a re fa Batswana ba ka tswelela ba dibela popagano ya bone, go ka seke go nne le sepe se se emang pele ditoro dipe tsa bone.
E ne e rile a akgela, Kgosi Dick Chikuba a lebogela go bo motse wa gagwe o filwe sebaka sa go ipelela popagano ya setshaba ka go amogela molelo wa kgolagano.
Kgosi Chikuba o ne a supa fa Batswana ba tlamega go nna motlotlo le go ipela ba sa boife sepe ka ba dirile ka natla go tlhomamisa gore ba nna tshaba e e bopaganeng, e batho ba yone ba ratanang e bile ba tshedisanya ka kagiso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : MASUKWANE
Event : Ipelelo molelo wa kgolagano
Date : 14 Mar 2016






