Breaking News

Maruje o akgola morafe

14 Mar 2016

Kgosi Thabo Maruje III wa Masunga o akgoletse morafe wa gagwe go tla ka dipalo tse di kwa  godimo go amogela molelo wa kgolagano mo motseng wa bone ka Laboraro.

A re go supagala fa mowa wa popagano o bonala.

Kgosi a re molelo o tsile go tukisa matshelo a Batswana mo go sengwe le sengwe se ba tlaa bong ba se dira, mme seo se tlaa thusa lefatshe leno go gatela pele.

Kgosi Maruje o buile fa seo se ka kgonagala fela fa Batswana ba ka nna le mowa wa kgolagano, boineelo e bile ba supa fa ba tlaa ipelega go direla setshaba sa bone ka botswerere le bonatla.

Banni ba ne ba tletse ka boitumelo, ba duduetsa e bile ba supa fa ba ne ba ntse ba letetse molelo wa kgolagano ka bopelotelele.

Molaodi wa kgaolo, Rre Keabetswe Lesiela, o ne a  rolela kokoano molaetsa go tswa kwa go Tautona, o o ntseng o balelwa banni ba metse yotlhe kwa molelo o setseng o fetile teng  fa e sale leeto la one le simolola ngogola.

Molaetsa wa ga Tautona o ne o remeletse thata mo go reng Batswana ba nne le mowa wa bojammogo, ba ipelege ba bo ba nne le lerato go thusa go aga lefatshe gore le gatele pele le bo le fitlhelele maitlamo a lone a tebelopele ya ngwaga wa 2036.

Mokhanselara wa Masunga, Rre Elias Mbonini, o ne a lebogela kgorogo ya molelo mo kgaolwaneng ya gagwe; a bolela fa o tsisitse boitumelo jo bo seng kana ka sepe.

O ne a kopa gore Batswana ba tshwaragane gore mafatshe a mangwe a tswele lefatshe leno pelo mme a tseye malebela mo go lone a bo a le eletse.

Rre Mbonini o kopile gape gore mowa wa kagiso o nne mo dipelong tsa Batswana, go bo go rene le mowa wa thokgamo.

O ne a supa gape fa a itumelela mowa wa banana ba Masunga ka maitlamo a bone a mantle a ba tlhalositseng fa a tlaa tsosolosa mehama ya kgwebo, thuto, botsogo le ngwao ga mmogo le gone go lwantsha nnotagi le tiriso ditagi.

O akgoletse banana gape go bo le bone ba eme ka dinao go aga motse wa bone ga mmogo le kgaolo ya Bokone Botlhaba.

E rile go tswa mo kgotleng, molelo o ne wa tsamaya le maphata a a farologaneng, a a akaretsang, sekole se segolwane sa Masunga le se sebotlana, kereke ya Roma ga mmogo le sekole sa bananyana.

Molelo o ne wa felela o le kwa diofising tsa khansele, kwa o neng wa amogelwa ke molaodi wa kgaolo Rre Lesiela a o tsaya mo go Kgosi Maruje III.

Kgosi Eric Moipolai wa Matsiloje e bile e le moemedi wa kgaolo kwa Ntlong ya Dikgosi ga mmogo le Kgosi Thabo Monaga yo e leng mothusa kgosi ya Masunga, ba ne ba fiwa sebaka gore ba sirolole sefikantswe sa molelo wa kgolagano se se agilweng mo dikagong tsa khansele ya Bokone Botlhaba gone mo Masunga.

Molelo o o fa sefikantsweng seo o tlaa tuka go fitlhelela boipuso jwa ngwaga ono e le segopotso sa go supa kgolagano ya tshaba ya Botswana le gone go nna sekao sa mosepele wa lefatshe le go tloga kwa nakong ya lefatshe le le tsaya boipuso. BOPA

Source : BOPA

Author : Uendjitiza Chienda

Location : MASUNGA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 14 Mar 2016