Breaking News

Banana ba Masunga ba akgola maiteko a puso

14 Mar 2016

Banana ba metse ya Masunga le Mulambakwena mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ba lebogetse maiteko a puso tebang le go tlhabolola matshelo a banana.

Fa ba ntsha maikutlo a bone kgwedi eno e le malatsi a robabongwe, mo meletlong ya kamogelo molelo wa kgolagano, banana ba metse eo ba re go a itumedisa gore morago ga go lemoga fa banana ba lebanwe ke manokonoko a letlhoko la mebereko, puso e bo e simolodisa mananeo a le mmalwa a a itebagantseng le banana.

 Ba re ka jalo, go mo maruding a banana go bona gore ba dirisa sebaka se ba se filweng go sola molemo maiteko ao a puso, ka go netefatsa gore ba inaakanya le mananeo jaaka  a Youth Development Fund, LIMID, nyeletso lehuma le a mangwe fela jalo go tokafatsa matshelo a bone.

Fa a bua mo boemong jwa banana ba Mulambakwena, Rre Daniel Mbangiwa, a re o itumedisiwa ke go bo mo malatsing a gompieno puso ya lefatshe leno e tsaya tsia banana ba lefatshe leno, a re mo malatsing ano banana ba setse ba akarediwa mo tlhabololong ya metse ya bone, fa go tshwantshanngwa le maloba.

Rre Mbangiwa a re go simolodisiwa ga lephata la banana, metshameko le ngwao, go supa maikemisetso a puso a go tlhabolola banana le go leka go ba ntsha mo mebileng.

A re fela go a tshwenya ka jaana banana ba le maoto a tshupa go dirisa mananeo a a ba tshwanetseng, mme phelelong ba supi bangwe ka menwana, ba re ga ba thusiwe.

Rre Mbangiwa a re banana ba Mulambakwena, ba eletsa gore mo tebelongpele ya 2036, go nne le diofisi tse di tlaa nnang di etela metse ka go farologana go isa ditlamelo kwa bathong.

O tsweletse a re ba eletsa go bona banana ba lefatshe leno ba tlhomile dikgwebo tse e leng tsa bone, tse e bileng di ka kgona go phadisanya le tsa mafatshe a sele tota.

Mo go la gagwe, monana wa Masunga, Mme Koketso Chitutu ene o ne a gwetlha banana ka ene go rwala boikarabelo jotlhe jwa go tsholetsa itsholelo ya motse wa bone le ya lefatshe leno ka kakaretso.

A re seo se ka kgonagala fela fa ba ka dirisa mananeo a ba a fiwang ka botlalo, a tlatsa ka gore mo malatsing ano banana ba na le tshiamelo e ntle ka jaana go na le maranyane a a ka ba thusang go bapatsa le go tsamaisa dikgwebo tsa bone.

 Mme Chitutu o ne a kgala go sa dirisiweng sentle ga maranyane, a re banana ba tshwanetse ba itlama gore mo tebelongpele ya 2036, ba dirise maranyane ka tsela e e tshwanetseng e e ka nnang le seabe mo go godiseng itsholelo ya lefatshe leno.  

Mokhanselara wa kgaolwana ya Mosojane, Rre Mbaakanyi Smart a re le ntswa Batswana ba farologane ka mebala ya diphathi tsa sepolotiki, fela go a itumedisa ka jaana tshwaragano le popagano ya bone e le tse di nametsang.

Mokhanselara Smart a re ka jalo go maleba gore molelo wa kgolagano o bo o tsamaisiwa le lefatshe leno ka bophara, ka jaana le diegela dingwaga tse di masome a matlhano le ipusa e bile batho ba lone ba le seopo sengwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Masunga

Event : Moletlo

Date : 14 Mar 2016