Breaking News

Molemi o sola pula molemo

13 Mar 2016

Molemi mongwe wa monana kwa Kalamare o tsere tshwetso ya go sola dipula tsa bosheng molemo ka go itirela tshingwana mo lwapeng.

Mme Bagomotsi Mogoadile wa dingwaga tse di masome a mararo a re e re ka pula e le gone e gosomanang, o bone go le botoka go itirela tshingwana  e a lemileng mmidi le dinawa mo go yone.

Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Mogoadile a re o lemile dinawa le mmidi ka di le bogadi bo gaufi mme e bile a solofetse go bona morogo wa dinawa mo tshingwaneng eo ya gagwe.

O tlhalositse fa a tlhophile go lema mo lapeng eseng kwa masimo jaaka tlwaelo, ka  gore paka ya mariga e setse e atametse mme e sa siamela dijwalo.

A re go lema masimo ka nako e, go kotsi ka jaana molemi a ka iphitlhela a senyegetswe ke peo fa paka ya mariga e ka fitlhela dijwalo tseo di ise di gole a tlatsa ka gore phefo ya mariga ga e a siamela dijwalo.

O tlhalositse fa le ene fela jaaka balemi ba bangwe a ne a ikaeletse go baya tema kwa masimo mme dipula tse di boutsana le mogote o o feteletseng di ne tsa phirimisa maikaelelo ao.

A re e re ka go lebega ekete nako e pula e tlwaelesegileng go na ka yone e fetogile, mmuso o tshwanetse go dira ditshekatsheko tse di tseneletseng mo dipeong gore o neele balemi peo e e ka kgonang go itshetlela ka nako ya mariga. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Oteng Ntlotlang

Location : Mahalapye

Event : Potsolotso

Date : 13 Mar 2016