Breaking News

Dikomiti di tsweletse ka go baakanyetsa mediro

13 Mar 2016

Dikomiti tse di baakanyetsang boipuso le kamogelo ya molelo wa kgolagano tsa  metse ya kgaolo ya Shoshong di tsweletse sentle go baakanyetsa mediro eo.

Fa ba bua kwa phuthegong ya ditherisanyo kwa Shoshong le bagolwane ba kgaolo-potlana ya Mahalapye bosheng, maloko a dikomiti tsa Shoshong, Poloka, Moralane, Mokgenene, Kalamare Otse, Kodibeleng, Mosolotshane le e mengwe ba kaile fa ba tsweletse sentle go baakanyetsa meletlo eo.

E rile a bua kwa bokopanong joo, mokwaledi wa khansele-potlana ya Mahalapye, Rre Godimo Garegope, a tlhalosa gore le ntswa dikomiti dingwe di saletse kwa morago mo bokopanong jo, ba tsile go thusana ka megopolo go thusa ba ba saletseng kwa morago.

Rre Garegope o ne a tlhalosa gore ba batla go ipona ba dirile sengwe fela se se bonalang ke ka moo ba saleng ba simolotse go baakanyetsa mediro e ka 2013.

A re ba bone go le mosola go tla go kopana le dikomiti tsa BOT50, dikgosi, baduladitilo ba dikomiti tsa ditlhabololo ka botlhe ba na le seabe mo go baakanyetseng meletlo eo.

O ne a tlhalosa gore motse mongwe le mongwe mo kgaolong le lefatshe ka bophara o tshwanetse go keteka letsatsi le la boipuso, dikereke, makgotla a a ikemetseng, banana, badiragatsi, dikole le baithuti  ga mmogo le Motswana mongwe le mongwe fela ka kakaretso.

A re  ka jalo setshaba se tshwanetse sa rutiwa gore ba tshwanetswe ke go dira eng, go bona gore le bone ba nna le seabe mo letsatsing le ga mmogo le go baakanyetsa molelo wa kgolagano.

Rre Garegope o ne a tlhalosa gore molelo wa kgolagano o tsile go goroga mo kgaolong-potlana ya  Mahalapye, o gorogela kwa Mosolotshane kgwedi ya Seetebosigo e le lesome le boraro mme o tsile go tsamaya le metse yotlhe e e mo kgaolong.

A re molelo o, fela jaaka boipuso o tshwanetse go wa fiwa tlotla ka e bile o tsile go tswa mo kgaolong ya bone kgwedi ya Phukwi e le masome a mararo kwa Dibete.

Fa a tswa la gagwe molaodi wa kgaolo, Rre Bakuedi Masole le ene o ne a tlhalosa gore metse yotlhe mo kgaolong e tshwanetse go ema ka dinao go bona gore meletlo yotlhe e dirwa ka fa go tshwanetseng.

Rre Masole a re kgaolo-potlana ya Mahalapye e tshwanetse go thusana, go tsaya malebela mo go ba bangwe go bona gore botlhe ba itlhoma kwa pele gore boipuso jwa ngwaga ono e nne jwa maemo a a kwa godimo jaaka lefatshe le ipelela dingwaga tse di masome a matlhano le ntse le ipusa.

O ne a tlhalosa gore ka molelo wa kgolagano go na le thulaganyo e e faphegileng e e tsileng go dirwa mme ba tshwanetse ba bo ba eme sentle go bona gore tsotlhe di tsamaya ka thelelo.

O ne a rotloetsa dikomiti tse di saletseng kwa morago go ikgolaganya le tse di tsweletseng, go kopa dithuso mo setshabeng le go ka dira tsotlhe fela go bona gore ba ipaya kwa pele.

Rre Masole a re e le ba kgaolo-potlana ya Mahalapye ba ne ba ikgaoganya le metse yotlhe ya kgaolo e le badirelapuso go thusana le dikomiti go bona gore tiro e tswelela sentle.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : SHOSHONG

Event : Phuthego

Date : 13 Mar 2016