Breaking News

Kgosi Matobo o leboga puso

13 Mar 2016

Kgosi Major Matobo a re o lebogela matsapa a puso e a tsayang go gakolola le go tsibosa banana ka botlhokwa jwa go iphapha mo malwetseng

Fa a bua mo potsolotsong bosheng, o ne a re banana ba tsee ka tlhwaafalo kgwedi ya Mopitlo e e sekegetsweng go nna ya monana kgatlhanong le HIV/AIDS. 

Kgosi Matobo a re banana ba inaakanya le nnotagi phetelela, mme maduo a nne a a tlhabisang ditlhong mo setshabeng le mo go bone banana.

A re puso e tsere ditshwetso go inola banana mo mathateng a ba kgonang go iphitlhela ba le mo go one.

Mme Nyaladzo Nduse yo e leng mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo a re fa banana ba ka ikgatholosa dikgakololo tse ba di fiwang go lwantsha segajaja, lefatshe le tlaa felelwa ke batho.

A re le ntleng le palo e e ko tlase, go iphitlhela lefatshe le aperwe ke segajaja se isa itsholelo ya lefatshe ko tlase, ka ntlheng ya gore madi a tlaa dirisiwa go reka diritibatsi.

Mokwaledi, Mme Nduse a re banana ba tshwanetse go ela tlhoko gore matshelo a bone ke one a tshwanetseng go bewa ko pele mo go sengwe le sengwe, mme a re ba emise mowa wa go taboga le menate le tseo di sa ba direleng bokamoso.

O ne a re mo bananeng ba ba santseng ba tla kwa morago, o rotloetsa thata gore ba ikemisetse go bereka ba bo ba direla ba malwapa a bone pele ba ka amana le tsa marato le tlhakanelo dikobo e e sa babalesegang.

Mme Nduse a re a kgwedi e e nne ya bokao jo bo rileng mo bananeng, ba tseye karolo go fetola seemo sa malwetse a a sa alafesegeng.

Go sale foo, Mme Medico Masole, monana wa motse mo Matobo a re ba lebaganwe ke dikgwetlho tse dintsi mo motseng. 

A re banana ba ikgaole mo ditsaleng tse di sa ba gakololeng mme ba ba digela mo bodibeng jo bo boteng.

Mme Masole a re ene kgwedi ya monana kgatlhanong le segajaja e mo fa seriti e le ngwana e supa fa banana ba neelwa tlotla jaaka bangwe ba setshaba. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Setshege Muzila

Location : MATOBO

Event : Potsolotso

Date : 13 Mar 2016