Amogelang bana
10 Mar 2016
Mogokaganyi wa mokgatlho wa bomme wa Christian Women Fellowship, Mme Agnes Ncaagae, a re go botlhokwa gore batsadi ba amogele bana ka lerato.
Mme Ncaagae o buile jalo kwa phuthegong ya dikereke e e neng e tshwaretswe kwa Mahalapye bosheng.
O ne a supa fa ba bone go le botlhokwa go kokoana go tla go rutana le go tlhalosa setlhogo, maikaelelo e le go abelana megopolo le go itseela ditso tsa batho ba bangwe.
E rile Mme Helen Motaneko wa kereke ya UCCSA a bua kwa letsatsing leo a itebagantse le setlhogo, a re bana ba gola ba sena tlhokomelo ya batsadi, mo go felelang go diga le maduo a baithuti kwa dikoleng.
O tlhalositse gore batsadi ba tshwanetse gore ba nne sekao mo baneng gore ba tseye malebela mo go bone.
Mme Motaneko a re batsadi ba rekisetsa bana ditagi, bangwe ba neelwa ke batsadi gore ba ye go rekisa kwa dikoleng a supa fa seo e le go senya bokamoso ja bana.
E ntse e le kwa phuthegong eo, mothusa moeteledipele wa lekgotla la dikereke, moruti Thabo Mampane,o ne a ngongorega ka baruti le bomme bangwe ba ba tsisang kgotlhang mo kerekeng, ka go tseelana baratani a re dilo tseo di diga dikereke di bo di thube le malwapa.
Mo phuthegong eo, dikereke di ne tsa abela moruti wa magolegwa a Mahalapye Mme Nage Seanokeng dibaebele di le lesome le botlhano e le go supa mowa wa lerato mo baneng ba ba mo dikgolegelong ba ba ipatlelang lefoko la Modimo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Obakeng Molefhe
Location : Mahalapye
Event : Moletlo
Date : 10 Mar 2016






