Breaking News

Monna mongwe o ikgapetse botshelo kwa Mahalapye

10 Mar 2016

Mapodisi a Mahalapye a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe a ikgapetseng botshelo ka go ikaletsa mo setlhareng gaufi le noka ya Mokubatse.

Superintendent Isaac Mmamadi a re monna yoo wa dingwaga tse di masome a mararo le boraro o ne a tlhaba mosadi wa dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa ka sengwe se se bogale, mme morago a ikaletsa mo setlhareng mo mosong wa Matlhatso.

A re mosadi yoo, yo eleng lepodisi o robaditswe kwa kokelong ya Mahalapye go alafelwa dintho mo tlhogong, dirope, matsogo le mo dinokeng.

Batho bao, ba malwapa a bone ka bobedi a bolelang fa ele baratani e bile bana le ngwana wa mosimanyana yo o tshotsweng ka ngwaga wa 2014, ba ne ba itisitse mmogo e bile go sena sekai sepe se se supang fa ba katswa ba ne ba na le go thoka kutlwisisano.

Superintendent Mmamadi o boletse mo potsolotsong gore serepa sa monna yoo se beilwe mo setsidifatsing sa kokelo ya Mahalapye go tlhatlhojwa ke dingaka fa mosadi wa ene a tokafala ka bonya ka bonya.

Mme Wizzin Mojapelo yo eleng mmaagwe mosadi yo tlhabilweng, a re o phadimositswe ke go utlwa bana ba gowa mo ntlong, mme fa a phadimogela kwa ntlong e baratani bao ba neng barobetse mo go yone a fithela ngwana wa gagwe a kgophaletse fa monna ene a tsene ka lenga la seloko. 

Ditlhotlhomiso tsa mapodisi di supa fa moswi a tlholega mo kgotleng ya Seetso kwa Serowe fa wa mosadi ene atswa mo kgotleng ya Xhosa 1 kwa Mahalapye.

Superintendent Mmamadi o ikuetse mo setshabeng segolo jang baratani go kopa dikgakololo mo batsading, baruti, mapodisi, dikgosi le badiri ba boipelego fa ba na le dikgotlhang ka jaana go bolaya ba bangwe le go ikgapela matshelo e se tharabololo ya mathata.

Fa dikgang dieme jalo, mapodisi kwa Mahalapye, diphuthego tsa dikereke, magosi le magosana gammogo le morafe ba tlaa tshwara merapelo kwa masimong a Gwape go rapela kgatlhang le dikotsi tsa tsela tse go bolelwang di gapa matshelo a batho.

Kwa Machaneng mapodisi a tshegeditse monna wa dingwaga tse di masome a mabedi le borobabongwe wa Lerala go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le leso la mosadi wa dingwaga tse di masome a matlhano le borataro wa Chadibe.

Assistant Kebueng Hulela  o boletse gore mmelaelwa o ne a rema moswi ka selepe mo tlhogong, mme a ragosediwa kwa kokelong ya Sefhare, kwa e rileng a goroga teng a hudusetswa kwa kokelong ya Nyangabgwe kwa Francistown kwa a neng a tlhokafalela teng kgwedi e fetileng ele masome a mabedi le boraro. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Obkeng Molefhe

Location : Mahalapye

Event : Potsolotso

Date : 10 Mar 2016