Breaking News

Molwetse wa tlhaloganyo o tshwanelwa ke tlotlo

11 Mar 2016

Bolwetse jwa tlhaloganyo ke bongwe jwa malwetse a batho ba sa a tseyeng ka tlhwaafalo gape fa motho a supa dikai tsa bolwetse joo o kgobiwa ka mafoko.

Se, se builwe ke mooki wa balwala tlhaloganyo wa kokelo ya Mahalapye, Mme Dimpho Keolebogile mo phuthegong ya kgotla kwa Tewane mo kgaolong-potlana ya Mahalapye bosheng.

A re bolwetse jwa tlhaloganyo bo kgona go itlela fela mo mothong a ntse a godile ka jalo setshaba se tshwanetse sa lemoga fa bolwetse jo bo tshwana fela le malwetse a mangwe a a amang batho.

E re gontse jalo, o ne a tlhalosa ka botlalo se batho ba dumelang mo go sone mabapi le balwala tlhaloganyo.

A re batho ba dumela fa balwala tlhaloganyo e le batho ba ba bogale thata,mme a re seo ga se boammaaruri ke mafoko fela a tshotlo.

A re bangwe ba batho bao ba kgona go tshela fela sentle le batho ba bangwe ga mmogo le go dira ditiro tsa mo lwapeng fela jaaka mongwe le mongwe.

E re gontse jalo, Mme Keolebogile a re go a tle go diragale gore palonyana e e tsenang mo seatleng e supe dikai tsa go tlhoka go iketla mo moweng le gone go kgoreletsa ba ba gaufi le bone,a tlatsa ka gore diemo tse, setshaba se tshwanetse go di elatlhoko ka dinako tsotlhe.

A re fa bangwe ba balwala tlhaloganyo ba sa kgone go itira sepe le gone go ka itlhokomela ka jalo ba tlhoka tlhokomelo ya ba losika le setshaba ka kakaretso.

Mme Keolebogile a re batho ba ba lwalang tlhaloganyo ba na le maikutlo fela jaaka motho mongwe le mongwe, a tlatsa ka gore ba kgona go kgopisega,go tenega ga mmogo le go itumela fa go tlhokega.

O ne a rotloetsa ba ba tseneng phuthego go tsaya tsia balwala tlhaloganyo fa ba bua le bone, a bo a ba kopa gore ba seka ba ba latlhelela mme ba fiwe lerato gape go tlotlwe ditshwanelo tsa bone tsa setho.

Mooki o ne a ntsha dintlha tse tharo tse setshaba se ka lemogang motho yo o lwalang tlhaloganyo. 

Mme Keolebogile o ne a ba rotloetsa gore fa ba bona dikai tsa bolwetse jo, ba etele dikokelwana tse di gaufi go ka itekodisa go tila go gola ga bolwetse, a tlatsa ka gore go tlhabantsha bolwetse ka pele go thusa gore bo fole ka bofefo.

A re bolwetse jwa tlhaloganyo bo tsamaya ka losika, a tlatsa ka gore bolwetse jo bo tshwana le malwetse a kankere, sukiri le a mangwe.

O tswelela a tlhalosa fa bontsi jwa nako fa ba alafa balwetse ba tlhaloganyo ba tlhotlhomisa kwa molwetse a tswang teng gore ga gona wa lelwapa yo o kileng a lwala tlhaloganyo.

Le fa gontse jalo, Mme Keolebogile a re gape bolwetse joo bo bakiwa ke dikgobalo tse di masisi mo tlhogong tse di ka bakiwang ke dikotsi tsa dikoloi le tse dingwe fela jalo.

A re setshaba se tshwanetse go ikelatlhoko mo malwetseng a mangwe a a tshwanang le malaria, HIV/AIDS le a mangwe,a tlatsa ka gore fa a ka fetela kwa tlhaloganyong e ka baka bolwetse jwa tlhaloganyo.

O ne a kopa banana go emisa nnotagi ka le yone e na le seabe se setona mo go bakeng bolwetse joo.

E re go ntse jalo,banni ba ne ba supa fa go na le batho bangwe ba ba sotlang balwala tlhaloganyo.

Ba re bangwe ga ba fe balwetse ba go nna jalo lorato gammogo le tlotlo,ba tlatsa ka gore ba bidiwa ka maina fela a a bosula le mororo ba na le maina a bone a mantle.

Fa a ba kgwa dikgaba, mooki wa balwala tlhaloganyo a re balwetse bao ba tshwanetse go tlotlwa go sa kgathalesege gore diemo tsa bone di ntse jang, a bo a tlatsa ka gore ba tshwanetse go bewa fa go siameng teng go itsa go ka gobala. 

Mme Keolebogile o kgathaditse banni ba Tewane  go tsaya botsogo jwa tlhaloganyo ka tlhwaafalo, fela jaaka ba tsaya malwetse a mangwe ka tlhwaafalo ka dinako tsotlhe,a tlatsa ka gore ba ipabalele mo malwetseng otlhe ka go farologana ba seka ba tlhaola bope. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Ogomoditse Johannes

Location : Mahalapye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 11 Mar 2016