Breaking News

Mapodisi a tlhotlhomisa leso

10 Mar 2016

Mapodisi a Shakawe a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna wa dingwaga tse di masome a mararo le bongwe a fitlhetsweng a akgega mo setlhareng mo sekgweng gaufi le kwa ga bone. 

Mogolwane wa mapodisi a Shakawe, Superintendent Goitsemodimo Molapisi o boletse mo potsolotsong fa ba begetswe ka tiragalo eo mo bekeng e e fetileng ke mmaagwe moswi. 

Superintendent Molapisi a re go lebega mmaagwe moswi a ne a phakelela kwa ntlong ya gagwe go mo lekola pele a ya tirong jaaka malatsi otlhe mme a fitlhela a seyo. 

O tsweletse a tlhalosa fa mmaagwe moswi a ne a mo tlhoka gape mo motshegareng fa a tswa tirong mme a tlamega go mo tsaya ka motlhala ka e le motho yo o sa itekanelang sentle mo tlhaloganyong. 

A re motlhala o ne wa isa mmaagwe kwa sekgweng sekgalanyana go tswa fa lelwapeng, kwa a fitlhetseng moswi a akgega mo setlhareng mme a tlhaba mokgosi. 

Superintendent Molapisi a re ba ne ba mo fitlhela a akgega ka terata mme ba mo ragosetsa kwa kokelwaneng ya Shakawe kwa go tlhomamisitsweng fa a tlhokafetse. 

O tsweletse a tlhalosa fa monna yoo a sa tlogela molaetsa ope mme a le kwa setsidifatsing sa kokelo ya Gumare go tlhatlhojwa ke ba bongaka. 

E ntse e le kwa Shakawe, mapodisi a Shakawe le Namibia ga mmogo le ba lephata la diphologolo la Namibia ba mo letsholong la go batla mme mongwe wa dingwaga tse di masome a supa wa Mohembo East yo o bonweng la bofelo kgwedi e e fetileng e tlhola masome a mabedi le bobedi.  

Superintendent Molapisi a re mme yoo o tlhotse kwa lesong gone kwa Mohembo East mme ya re maitseboa a laela go boela lwapeng. 

A re masika a gagwe a ne a tlhoka go mmona letsatsi le le latelang, mme ka a nna a le nosi ba tswa letsholo go ya go mmatla. 

O tsweletse a supa fa ba ne ba begelwa morago ga malatsi a le mabedi ka nako ya lesome le bobedi mo motshegareng morago ga gore maiteko a bone a retele. 

A re ba ne ba tswa letsholo le morafe ba mo lata ka motlhala o o fitlhileng kwa molelwaneng wa Namibia. 

Mogolwane wa mapodisi a re ba ne ba tshwaragana le  ba molao ka kwa Namibia mme maiteko a bone a retela ka go ne ga nna  bosigo ba ise ba mmone.  A re le ka jeno ba santse ba le mo patlong ya gagwe.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kesentseng Baagedi

Location : Shakawe

Event : Potsolotso

Date : 10 Mar 2016