Breaking News

Ncaang o dirisa mananeo

10 Mar 2016

Puso e tsweletse ka go ntshetsa Batswana mananeo gore ba tokafatse matshelo a bone ka one.

Banni ba Ncaang mo kgaolong ya Kgalagadi ba inaakantse le mananeo a akaretsang  nyeletso lehuma, la banana (Youth Development Fund) le la RADP go itshimololela dikgwebo. 

Go ya ka kgosana ya kgotlana ya gaMorakile gone ko Ncaang, Mme Kemoneilwe Seipone, dikgwebo dingwe di tsweletse sentle mme tse dingwe di santse di saletse kwa morago.

 A re ba ba apayang borotho ga ba ntshe pego ya gore ba tsweletse jang mme go lebega ba tsweletse sentle ka gore ba tsweletse ka go rekisetsa sekole se sebotlana sa Ncaang le banni ba motse borotho. 

Ba leruo la dipodi ba supile fa ba tsweletse sentle le fa mme ba na le dikgwetlho jaaka go swa ga leruo tse dingwe di jewa ke bophokoje mo sekgweng, ba ba sugang matlalo ba ntshitse pego ya gore ba saletse ko morago ka lebaka la tlhaelo ya ditsompelo fa ba ba rokang diaparo ba sa ntsha pego ya gore ke eng ba saletse ko morago.

E re fa go ntse jalo, o tsweletse a tlhalosa fa go na le ba ba santseng ba ikopela go thusiwa ka lenaneo la nyeletso lehuma. Baikopedi ba akaretsa ba le lesome ba leruo la dipodi le bomme ba babedi ba ba kopileng go thusiwa ka dipitsa tsa Setswana tse ba di hirisang mo meletlong. O supile fa baikopedi ba ba dumeletswe mme ba santse ba emetse go thusiwa.  

Le fa go ntse jalo mothusa mokwaledi wa VDC, Mme Nelly Magogobe le Mme Seipone ba re go ne ga nna le bokopano jwa ba lephata la Veterinary Services le baikopedi ba kgwebo ya dipodi ka kgwedi ya Tlhakole go ba rutuntsha ka tlhokomelo e e tseneletseng ya leruo, go itsa poelo morago ya kgwebo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tswelelo Moapare

Location : Hukuntsi

Event : Potsolotso

Date : 10 Mar 2016