Breaking News

Batsadi ba tsibogela letlhoko la metsi

10 Mar 2016

Batsadi ba bana ba ba tsenang kwa sekoleng se sebotlana sa Andrew Wellio kwa Maun, ba tsibogetse seemo se se bifelang pele sa letlhoko la metsi mo sekoleng seo.

E ne ya re mo phuthegong ya tshoganyetso e e neng e biditswe ke boeteledipele jwa sekole, botsadi jwa itlama gore le ntswa go le thata go bona metsi, ba tlaa ikitaya ka thupana gore ngwana mongwe le mongwe a ye sekoleng ka thothinyana mo lebotleleng e e tlaa dirisiwang go apeela bana fa go ntse go letilwe Water Utilities go thusa ka metsi.

Ba re go dira jalo e tlaa bo e le maiteko a a feletseng go na le go emisa dithuto tsa bana ka ntata ya letlhoko la metsi.

Letlhoko leo, le le apereng sekole seo le kgoreletsa dithuto tsa bana ka e bile go sena le fa e le thothi ya go ba apeela dijo tsa bone tsa motshegare. Letlhoko le, le amile thata baithuti ba sekole seo, e bile ba dirisa sekgwa go ya go araba tlholego.

E ne ya re fa a ema botsadi pele ka lefoko, mogokgo wa sekole, Rre Ditshotlo Gaolebale a tlhalosa fa ba lekile ka bojotlhe go dira maiteko a go kopa metsi mo maphateng ka go farologana a tshwana le la thuto, khansele le Water Utilities.

Le fa go ntse jalo, a re Water Utilities e tlhalositse fa e aperwe ke letlhoko la dikoloi tse di tshelang metsi.

O tsweletse a tlhalosa fa selelo sa khamphani eo, e le didiba tse di kategetseng fa tse dingwe di tlhoka gore di baakanngwe.

A re ba solofeditse sekole fa seemo se tlaa boela mannong kgwedi ya Hirikgong ngwaga o o tlang. Le fa go ntse jalo, a re khamphani eo e tlhalositse fa e tlaa nna e tshela metsi le fa e lebilwe ke motse wa Maun le e e mabapi go thusa ka metsi.

A re lephata la thuto le tlhalosa fa sekole se tshwanetse go thusiwa ke khansele.

Rre Gaolebale o tsweletse a tlhalosa fa seemo se se ama botsogo le pabalesego ya bana ka ba felela ba ile sekgweng go ya go itiketsa morago ba boele dithutong ba sa tlhapa diatla. A re sekole se na le dibeke di le nne se ntse se aperwe ke seemo se ka sekole se sena matlwana a boitiketso a mafuti.

Mme ka jalo ba khansele ba ne ba tsibogela selelo sa bone ka go ba adimela matlwana a boitiketso a nakwana a a lopang dipula di le makgolo a mane le botlhano ntlwana mo bekeng.

E rile a ba ema ka lefoko, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo Rre Abraham Motsewakhumo, a tlhalosa fa a sa tshwae puso phoso, mme a re bodiredi jwa kompone ya Water Utilities ke jone jo bo maoto a tshupa ntswa seemo se bifela pele.

A re seemo sa metsi se simolotse go tlhobaetsa ngogola mme ba itshela meriti e e tsididi ntswa ba itse fa go na le didiba tse di seng mo tirisong tse di ka ba namolang fa mpuru a haretswe.

O gakolotse batsadi gore ba seka ba dira seipato sa go tlogedisa bana sekole ka ntata ya letlhoko la metsi. A re go tswa goo lowe, ka metlha ya fa ba tsena dikole, ngwana mongwe le mongwe o ne a ya sekoleng ka legong letsatsi le letsatsi gore ba apeelwe.

Ka ntlha e nngwe, batsadi le bone ba kgadile ba sa kgwe mathe kompone ya Water Utilities ba re ga e a palelwa ka jalo e ithole ditiro. Ba re fa kompone eo e ne e tlhwaafetse, e kabo e ne ya dira maiteko a go isa metsi kwa setshabeng ka nako. Ba kopile gape gore makhanselara a kgaolo le bone ba maphata a a amegang ba ntse ba tsena diphuthego tsa mothale o, go tla go utlwa dilelo tsa batsadi.

Le fa go ntse jalo, e ne ya re fa a leboga Mme Aitseweemang Nkemelang, motsadi yo o ithaopileng go direla sekole ka fa tlase ga bogakolodi, a akgolela batsadi maiteko a bone a go tshologela pitso e. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Keagisitse Dioka

Location : Maun

Event : Phuthego

Date : 10 Mar 2016