Ba rapela kgatlhanong le dikotsi tsa tsela
09 Mar 2016
E rile ka Labobedi sepodisi sa Mahalapye se kopane le dikereke ba bo ba kgobokane kwa masimong a Gwape dikhilomithara di ka nna lesome go tswa kwa Mahalapye go rapela kgatlhanong le dikotsi tse di diragalang mo tseleng ya A1.
Fa a simolodisa merapelo eo, Assistant Suprintendent Kgosienalerona Sechoni o ne a tlhalosa fa ba bone go le mosola go rapelela fa thoko ga tsela ka go diragetse dikotsi di le dintsi mo tseleng.
Rre Sechoni a re tsela ya A1 e gapile matshelo a batho ba le mantsi, fa bangwe ba bone dikgobalo tse di masisi ntataeng ya dikotsi tsa tsela.
A re ngwaga o o fetileng go diragetse dikotsi tsa tsela dile lekgolo le boraro fa gare ga Capricon le Radisele fa dile masome a matlhano di bakilwe ke bakgweetsi ba banana ba dingwaga tse fa gagwe ga masome a mabedi le borataro le masome a mararo le botlhano.
A re selo se, se a tshwenya fela thata ka jalo ba bone gore ba ikopanye le dikereke go rapelela tsela eo ka gongwe dikotsi di ka fokotsega.
Rre Sechoni a re e ntse ele gone mo tseleng eo, gone fa masimong a Gwape go tlhokafetse batho ba ka nna borobabongwe, mo dikotsing tsa tsela ka go farologana mme se se bakile tsebetsebe fa gare ga bone gore batho ba ka latlhegelwa ke matshelo thata mo lefelong le lengwe fela.
O ne a tlhalosa gore dikotsi tse ka bontsi tse ba di gatisetseng di bakiwa ke bakgweetsi ba ba botlhaswa bogolo jang banana, a tlatsa ka gore boitsholo jwa bone ga bo eletsege fela le eseng.
E rile a tswala gagwe Moruti Kenneth Mokgothu a tlhalosa fa dikotsi tsa tsela di ka fokotsega fela fa batho ba lemoga bomosola ja Modimo mo matshelog a bone le mo ditselang.
Moruti Mokgothu a re mokgweetsi o tshwanetse gore fa a emelela o tshwanetse go ipaya fa pele ga Modimo go fema dilabe tshotlhe fela tse di ka diragalang mo loetong la gagwe.
A re mokgweetsi mongwe le mongwe o tshwanetse gape ke go solofela sepe fela se se ka diragalang mme go mo maruding a gagwe gore o itshireletsa ka tsela e e ntseng jang, a itse gore go nale badirisi ba tsela ba bangwe ba akaretsa batsamaya ka dinao, bakgweetsi ba bangwe ga mmogo le diruiwa.
A re bakgweetsi ba tshwanetse go tlotlana, ba fana sebaka mo tseleng, go nne le neelano e ka yone e ka kgonang go hema dikotsi mo tseleng.
Moruti Mokgothu o ne a gatelela thata gore tshotlhe tse di ka kgonega fa botlhe ba beile Modimo kwa pele, ka go ka tsisa maduo a mantle.
A re botshelo ke mpho ya modimo ka jalo bo tshwanetse go tlamelwa ka gotlhe, b aba balelwa sentle.
O ne a gakolola gape le barui go tlhokomela diruiwa tsa bone ka ke tsone gantsi di bakang dikotsi tsa tsela mme a ba kgothatsa go di tlhokomela go tsamaela kgakala le tsela ya dikoloi ka di le borai fela thata.
A re diruiwa di baka ketsaetsego mo ditseleng, matshelo a latlhega fa bangwe ba felela ba bone dikgobalo tse di masisi ntateng ya diruiwa tse di sailing mo ditseleng bosigo le motshegare. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : Mahalapye
Event : Merapelo
Date : 09 Mar 2016






