Breaking News

Tlotlang letsatsi la merapelo

09 Mar 2016

Mothusa kgosi ya Tsabong kgosi Richard Toto o kgadile lekgotla la baruti kwa motseng oo are ga ba kgothatse diphuthego tsa bone go tlotla le go  tsenelela letsatsi la mafatshefatshe la merapelo.
Kgosi Toto o buile se mo letsatsing la mafatshefatshe la merapelo kwa kgotleng kgolo ya Tsabong ka matlhatso.

A re dikereke mo motseng wa Tsabong di dintsi thata mme  ngwaga le ngwaga fa di bilediwa letsatsi leo di goga dinao  selo se a reng se rona bakeresete go dira jalo ka e le bone ba ba tshwanetseng go bontsha batho tsela ya modimo.

O ne a bua a sa kgwe mathe ka borre a kaya fa e le bone ba ba di gogong kwa pele mo go tlhokeng go tsena diphuthego tsa dikgotla gongwe le gongwe fa di bilediwang teng mme a ba kopa go nna le diphetogo mo nakong ee tlang.

Fa a bua maikaelelo a letsatsi leo modulasetilo wa komiti ya bomme ya merapelo ya mafatshefatshe mo Tsabong Mme Marriam Tsietso  o ne a ne a tlhalosa fa le thaegile kwa lefatsheng la CUBA .
Ar e morago ga dintwa tse di neng di tlhasetse kong bomme ba le lekgolo le masome a herabongwe le botlhano  ba ne  bopa lekgotla la Christian Union Fellowship (EUC) la thapelo le maikaelelo a lone e leng go  rapelela ditlhakatlhakano tseo.

Mme Tsietso  wa kereke ya Angelican mo Tsabong   o ne a tswelela ka go tlhalosa fa letsatsi leo le ne la simolodisiwa semmuso  mo Botswana ka ngwaga wa 1972 e le tsela nngwe ya ema nokeng mafatshe otlhe aa nang le dipheretlhego go di kokobetsa ka thapelo ka e na le maatla.

Modulasetilo wa komiti ya bomme o ne a kaya fa letsatsi leo la merapelo ya mafatshefatshe le ketekwa ngwaga le ngwaga mo bekeng  ya ntlha ya kgwedi ya Mopitlo go le labotlhano lefatshe lotlhe.
A re letsatsi leo le fa bomme sebaka sa go kopana ka lentswe le le lengwe ba rapelela tsotlhe tse di tshwenyang mo lefatsheng la bone go sa kgathelesege gore ba tswa mo dikerekeng tse di farologanyeng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Merapelo

Date : 09 Mar 2016