Ba lela ka dikago tse di sa ba siamelang
09 Mar 2016
Ba-na-le-bogole ba kgaolo ya Kgalagadi ba supile matshwenyego a bone a gore bontsi jwa dikago tsa puso ga di a ba siamela.
Ba buile mafoko a mo moletlong o o neng o tshwerwe kwa Omaweneno wa go ipelela letsatsi la bone.Mongwe wa batsaya karolo mo phuthegong eo e bile e le mo-na-le-bogole Rre Lucky Tities o supile gore ba tshwanetse go akarediwa mo ditlhabololong bogolo jang fa go dirwa ditiro tse di tshwanang le dikago ka gore bontsi jwa sebaka ga ba kgone go tsena mo dikagong tseo ba le nosi fa ba batla ditlamelo.
O supile fa go ngomola pelo gore e re puso e ntshitse mananeo ka bontsi a a kaba ntshang mo lehumeng, ba bo ba sa kgone go tsena mo dikagong go kopa ditlamelo tseo.
O tsweletse ka gore le dipagamo tsa setshaba fa ba tshwanetse go di dirisa ba nna le mathata ka jaana di sa direlwa bone, bogolo jang ba ba dirisang dikolotsana, a tlatsa ka gore dikago tsotlhe tsa puso di tshwanetse go ba letla gore ba tsene fela go sena mathata ape.
O kopile bagogi ba lefatshe leno go nna ba ba bitsa go nna le bone go bona gore ba ka tokafatsa jang matshwenyego a bone go na le gore ba ba akanyetse ka jaana ba ka seke ba tlhaloganye dikeletso tsa bone.
A re e re ntswa go na le dikgwetlho, ba lemoga maiteko a puso a go ba thusa gore ba itshetse ka mananeo a a farologaneng mme a re seo ke selo se se siameng ka gore le ba ba ba tlhokomelang ga ba tlhole fela ba lebile bone mme ba kgona go itirela sengwe.
Fa a tswa la gagwe mokwaledi wa ofisi ya ga mopalamente wa kgaolo, Mme Ellen Kgotlang o supile fa bontsi jwa batho ba ba tshelang le bogole ba lebaganwe ke dikgwetlho tse dintsi mme ka jalo ba felele ba palelwa ke go akola meamuso ya puso sentle.
A re bontsi jwa sebaka ba-na-le-bogole ba a kgethololwa mme se se dire gore ba nne le bothata jwa go tsenya letsogo mo tlhabololong ya lefatshe.
O supile gore e re le fa go ntse jalo, puso e na le mananeo a a itebagantseng le ba-na-le-bogole jaaka go ba fa madi kgwedi le kgwedi, dikole tse di itebagantseng le matlhoko a bone, a tlatsa ka gore go butswe ofisi e e itebagantseng le bone kwa ofising ya ga Tautona.
O supile fa a tlaa isa matshwenyego a bone kwa go tshwanetseng gore dilo di tshwana le dikago di baakanngwe gore ba kgone go di etela go sena mathata ape. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : Omaweneno
Event : Moletlo
Date : 09 Mar 2016






