Tiriso ya maranyane e ka tisa diphetogo
08 Mar 2016
Botswana International University of Science and Technology (BIUST) e tlhalositse fa tiriso ya maranyane le boitseanape e ka fetola itsholelo ya lefatshe la Botswana le go le baya mo maemong a mantle.
Se se tlhalositswe ke batlhatlhelela dithuto kwa sekoleng se segolwane sa BIUST mo phuthegong e e neng e rulaganyeditswe go kopana le banaleseabe ka maikaelelo a go begela boiteledipele jwa motse wa Palapye maikaelelo a sekole.
Dr Haniso Motlhabane o ne a tlhalosa fa sekole sa BIUST se tlhametswe go fetola mohama wa itsholelo ya lefatshe go tswa mo go itebaganyeng fela le tiriso ya ditsa tlholego go ya kwa go godiseng itsholelo ka kitso ya maranyane le dipatlisiso.
A re BIUST e lemoga botlhokwa jwa go dirisanya le morafe le go o thusa ka ditsela tse di farologanyeng mo dipatlisisong tse di ka tswelang motse wa Palapye mosola.
A re ba tlaa tswelela ba dirisanya le morafe.
A re botlhokwa jwa sekole sa BIUST bo ka bonala ja bo ja tswela mosola setshaba sa Palapye le tikologo, ba remeletse thata mo tirisanong mmogo e e teng. Moithuti wa ko BIUST, Rre Sakhile Ndlovu o tlhalositse fa itsholelo ya Botswana e ikaegile thata ka tiriso ya ditlamelo mo itsholelong (resources based economy) go na le kitso ya tsone (knowledge based economy).
O tlhalositse fa go nna le kitso go le botlhokwa mo kgolong ya itsholelo ya lefatshe ka go sa itsewe gore ditswammung tse itsholelo ya Botswana e ikaegileng ka tsone di ya go nna teng lobaka lo lo kae.
A re mafatshe ka bontsi jaaka North Korea le China a setse a gatetse pele ka go tshegetsa itsholelo ya one mo go direng itsholelo e e tswakantsweng le go neela batho ba lone dikitso ka ba sa tlhole ba na le ditswa mmung tse di lekanetseng. A re go dira jalo go godisitse mohama wa kitso mo e leng gore one mohama oo ke one o o godisang itsholelo ya mafatshe a teng. ENDS
Source : BOPA
Author : Tshepo David
Location : PALAPYE
Event : Phuthego
Date : 08 Mar 2016






