Breaking News

Sorilatholo o tlaa bona motlakase

08 Mar 2016

Molaodi wa kgaolo ya Kweneng, Dr Temba Mmusi o tlhaloseditse banni ba Sorilatholo fa motse wa bone o tlaa tsenngwa motlakase pele ga ngwaga o o tlang o ya fifing.

O tlhalositse se mo phuthegong ya kgotla e a neng a e buisa kwa motseng oo ka Mosupologo, mme a tlhalosa fa se se tlaa araba selelo se banni ba sa bolong go se lela sa letlhoko la motlakase le go nna maoto a tshupa ga badirelapuso go berekela koo.

Dr Mmusi o ne gape a kopa komiti ya ditlhabololo ya motse oo go aga matlo a boroko a badirelapuso go thusa go imolola puso mokgweleo. A re seo se tlaa bo se thuse le yone komiti eo go itirela letseno.

Dr Mmusi o ne gape a kopa banni ba motse oo go seka ba tlelwa ke boitlhobogo mo lenaneong le lesha la go tsosolosa itsholelo ka jaana go lebega le sa ba tshwarela sepe se sentsi mo legatong la ntlha ka jaana le kgaogantswe ka magato a le mararo.

A re le fa ntswa go ntse jalo, mananeo a mangwe a go ba tlhabolola a tlaa bo a ntse a tsweletse, ka jalo a ba kopa go nama ba dirisa one ba sa ntse ba emetse la go tsosolosa itsholelo.

Mo go tse dingwe Dr Mmusi o ne  a solofetsa banni ba motse oo fa a tlaa buisanya le ba bogosi kwa Molepolole mabapi le go okelediwa dikgosana tsa tetlanyo mo motseng wa bone.

O ne gape a ba tlhalosetsa fa a tlaa buisanya le ba thuto go sekaseka kgonagalo ya gore barutabana ba nakwana ba ba ithaopetseng go berekala kwa motseng oo ba thapiwa e le ba sennela-ruri fa ba bangwe ba sa supe kgatlhego ya go ya koo.

Dr Mmusi o ne a araba matshwenyego a ga Kgosi Olebetse Phemelo yo o neng a supa matshwenyego ka palo e a reng e kwa tlase ya dikgosi tsa tetlanyo mo motseg wa gagwe fa o tshwantshanngwa le e e mabapi e e lekanang le one.

Kgosi Phemelo o ne gape a kopa puso gore e sekaseke kgonagalo ya go thapa barutabana ba nakwana ba ba berekelang koo e le ba sennela ruri ka jaana ba bangwe ba le maoto a tshupa go berekela kwa motseng oo.

A re se se ka tokafatsa seemo sa thuto ka jaana barutabana ba nakwana ba fapaanngwa kgapetsa kgapetsa mme a re se ama bana ka jaana ba sena sebaka sa go tlwaela barutabana. Kgosi Phemelo o ne gape a lela ka tlhaelo ya diofisi tsa kgotla le koloi.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya motse, Mme Ompelege Nkwane ene o ne a lela ka tlhaelo ya matlo a bodiredi, bogolo jang barutabana. 

O ne gape a lela ka tlhaelo ya mananeo a tshwana le a ofisi ya bong mme a kopa gore ba dire maiteko a go tla kwa motseng oo go tla go ba tlhalosetsaa ka tsa ofisisi ya bone.

Mme Nkwane o ne gape a lebogela matlo a batlhoki a a agilweng mo motseng oo, a supa fa a le lesome le boraro mo go a le lesome le borataro a setse a roletswe beng ba one.

O ne gape a lebogela lenaneo la LIMID le a supileng fa bodiredi bo le tsamaisa ka matsetseleko mo kgaolong, ntle fela ga tlhaelo ya melemo fa le le fale.

Dr Mmusi o ne a rulagantse phuthego e go tlhalosetsa banni ba motse oo ka mananeo a puso ka go farologana, magareng ga one e le la go tsosolosa itsholelo. ENDS

Source : BOPA

Author : Olekantse Sennamose

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego

Date : 08 Mar 2016