Breaking News

Bagolo kwa Bobonong ba leboga modiri wa poso

07 Mar 2016

Rre Kefilwe Mphotho o kailwe fa e le modirelapuso wa tlhwatlhwa e bile a dira tiro ya gagwe ka botswapelo.

Fa a bua kwa moletlong wa tsamaya sentle o o neng o rulagantswe ke bagolo ba kgaolo ya Bobonong bophirima le maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse kwa Bobonong ka Labotlhano, mongwe wa bagolo, Mme Babonyi Dipholo o tlhalositse fa ba bone go le maleba go kokoanya madi go rekela Rre Mphotho yo e leng mogolwane wa poso mo Bobonong dimpho.

Mme Dipholo a re ba ne ba koleka dipula tse di lesome mongwe le mongwe wa bone.

A re ba kgonne go reka sethuthafatsa dijo (microwave), sejana se se bidisang metsi (kettle) le dipitsa.

 Mme Dipholo yo gape e leng leloko la komiti ya ditlhabololo tsa Bobonong bophirima, a re Rre Mphotho o tshwanetswe ke go lebogiwa ka a ne a dirisana sentle le bone fa ba ile go amogela madi a bogodi.

 O tsweletse a tlhalosa fa Rre Mphotho a ne a ba neela lerato ka dinako tsotlhe.

A re Rre Mphotho o pelo telele gape o botho.

Fa a latlhela la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Bobonong bophirima, Rre Boitumelo Kgosietsile, o tlhalositse fa Rre Mphotho e le motho yo o botlhokwa e bile a dira tiro ya gagwe ka botswerere.

A re fa motho a dirile sentle o tshwanetswe ke go direlwa sengwe fa a fuduga.

Rre Boitumelo o supile fa dimpho tse ba di neetseng Rre Mphotho di tlaa mo godisa le go nna segopotso mo go ene.

O tsweletse a supa fa dimpho tseo di tlaa mo dira gore a ye go tshwara ka thata kwa a yang go direla teng. 

 Fa tswa la gagwe, Rre Mphotho o tlhalositse fa batho ba Bobonong ba na le lerato le botho.

O tsweletse a supa fa a ka se ke a lebale banni ba motse wa Bobonong le kwa a yang go direla teng.

Rre Mphotho o supile fa a simolotse go direla mo Bobonong ka ngwaga wa 2013. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Moses Moleboge

Location : Bobonong

Event : Moletlo

Date : 07 Mar 2016