Dikomiti di gakololwa go somarela naga
07 Mar 2016
Mookamedi mogolo wa khamphani ya Forest Conservation Botswana (FCB), Rre Joshua Moloi o gakolotse dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse le makgotla a a itebagantseng le go tlhokomela motse go tla ka megopolo e e ka somarelang tikologo.
Rre Moloi o ne a bua kwa dithutong tse di neng di rulaganyeditswe dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse le makgotla a ditlhabololo tsa metse kwa Palapye.
Rre Moloi o ne a tlhalosa fa maikaelelo a bokopano joo e ne e le go lemotsha setshaba ka madi a khamphani ya FCB e a abelang morafe o o itlamileng go somarela naga le go e tlhabolola ka ditsela tse di farologaneng.
A re madi a khamphani e a rurifaleditseng go a abela baikopedi ke P23 224 944. A re madi a a setseng a neetswe baikopedi ke P11 478 488 mme a neetswe ditiro tse 32.
Rre Moloi a re ditiro tse ba di amogelang ke tse di tsibosang setshaba ka go somarela tikologo, go lema ditlhare, go dira dikomiti tse di ka thusang go laola melelo ya naga le tse di dirang dipatlisiso tse di itebagantseng le tlhokomelo le tshireletso naga.
A re matshwenyego a ba nang le one ka baikopedi ke gore ba dira dikopo tse di solofetsang go tsisa maduo mme e re fa ba fiwa madi ba bo ba sa dire ditiro tse ba solofeditseng go di dira.
A re bangwe ba ikopela madi mme e re fa ba sena go a fiwa ba palelwe ke go a dirisa. A re ba setse ba na le dikgang le bangwe mme o ne a kopa setshaba gore se seka sa dira jalo.
A re dikopo di buletswe go ka tsenngwa ke dokomiti tsa ditlhabololo tsa metse, maphata a puso, makalana a a ikemetseng ga mmogo le batho ka bongwe ka bongwe.
O ne a kopa setshaba go nna pelotelele fa ba ikopela madi, a re dikopo tsa batho ga di atlege ka ntata ya gore ga di a dirwa ka tlhamalalo kana ga di a kgatlha ba ba di sekasekang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshepo David
Location : Palapye
Event : Thuto puisano
Date : 07 Mar 2016






