Komiti ya ditshupo e a reketla
07 Mar 2016
Komiti e e baakanyetsang ditshupo tsa temo-thuo tse di tshwarwang ngwaga le ngwaga kwa Machaneng mo kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami ga e a tia, selo se se ka nnang sa baka gore ditshupo tsa monongwaga di seka tsa nna teng.
Se se boletswe ke modulasetilo wa komiti eo, Rre Edwin Ketlhodilwe mo puisanong.
Rre Ketlhodilwe a re bone e le komiti e ne ya re morago ga ditshupo tsa ngogola tse di neng di sa atlega, ba dumalana gore ba tlaa simolola go baakanyetsa ditshupo tse di latelang fela fa ngwaga o simolola gore ba kgone go di tsosolosa.
O ne a supa fa mme jaanong bontsi jwa maloko a komiti ba sa tsene diphuthego tsa paakanyetso ditshupo tseo jaaka go ne go dumalanwe.
Rre Ketlhodilwe a tlatsa ka gore nako e setse e ile ka gore ditshupo tse di tshwanetse go tshwarwa ka kgwedi ya Phukwi.
O ne a bolela fa tiro ya go baakanyetsa ditshupo e le ntsi thata mme a fa sekai ka gore matlwana a go bewang disupiwa mo go one a rutlomolotswe ke diphefo gape masaka mangwe a se mo seemong se se siametseng go tlhatlhela leruo le le tsisitsweng ditshupo.
Modulasetilo a re ditiro tse tsotlhe di batla go tsibogelwa nako e santse e le teng.
Rre Ketlhodilwe a re o maswabi go bona batho ba santse ba palelwa ke go fitlhelela ditiro tsa boithaopo le ntswa ba ne ba supile kgatlhego go le pele.
O kaile fa ditshupo tse di akaretsa metse e le masome a mabedi mme a re go tlhoka go nna teng ga ditshupo go ka tla ga baya bao ba ba mo dikgwebong ka fa mosing ka gore ga ba na go bona sebaka ya go bapatsa le go rekisa dithoto tsa bone ga mmogo le go abelana megopolo ka tsa kgwebo le bagwebi ba bangwe.
A re le ntswa ba ise ba itse gore balemi-barui ba kgaolo ba tshwere eng se ba ka tlang go se supa ka ba ne ba tlhasetswe ke leuba, fela komiti e tshwanetse go ema ka dinao mo paakanyetsong ya ditshupo tse. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Violet Keipeile
Location : Machaneng
Event : Puisano
Date : 07 Mar 2016






