Balemi ba Bokone Botlhaba ba tsweletse ka go baya tema
07 Mar 2016
E re ka go tlwaelesegile gore temo e simolola ka dikgwedi tsa Ngwanatsele le Morule, monongwaga balemi ka bontsi ba nnile le dikgwetlho tebang le seemo sa loapi se se neng se ba beile ka fa mosing, se gomagometsa le go phirimisa ditoro tsa bone tsa go lema le go rua.
Balemi bangwe mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ba tsweletse ka go baya ditema ka tsholofelo ya gore le bone ba tlaa roba sengwe go tla go ora le molelo wa mariga.
Mo potsolotsong ka Matlhatso, balemi bangwe kwa Masunga ba supile fa temo e le botshelo jwa bone, e bile e le tiro ya bone ya ngwaga le ngwaga ka jalo ba ne ba ka se eletse go bona ditoro tsa bone di fifala ka ntata ya seemo sa loapi se se neng se sa iketla.
Ba tlhalositse fa mogote o o neng o feteletse o ba gogetse morago, mme ba lebogela dipula tse di matsorotsoro tse di neng tsa tshela ka kgwedi ya Tlhakole e ya fifing.
Mongwe wa balemi, Mme Margaret Balule yo o dingwaga tse di masome a supa le bosupa, yo le ene e neng e le mongwe wa ba ba neng ba ipeela ditema o tlhalositse fa temo e le yone botshelo jwa gagwe.
A re o simolotse go lema a na le dingwaga di le masome a mabedi mme a supa fa a ka se tlodise ngwaga ope a sa lema go sa kgathalesege gore a nako e fetile kana jang.
A re o tlwaetse go simolola temo ya gagwe ka Morule, mme fa dipula di nele sentle o simolola ka kgwedi ya Ngwanatsele le fa go le pharologanyo ngwaga o, mme fela o lebogela go bo tema yone a e beile.
O tsweletse ka gore fa e sale e nna ene o nna e le mongwe wa ba ntlha mo baleming go ja mofufutso wa phatla, mme o ne a supa fa pelo ya gagwe e le botlhoko ka a tlwaetse gore nako e masimo a gagwe a bo a phophoma ka botala.
Mme Balule a re e re le ntswa e le gone a simololang go lema, o solofela gore ka kgwedi ya Seetebosigo a bo a setse a a ja mmidi wa gagwe le tse dingwe a namile.
Molemi yo mongwe, Rre Dabilani Mbulawa yo o dingwaga tse di masome a mane le bosupa o tlhalositse fa le ene a tswa goo-lowe e le molemi wa popota le ntswa a ne a setse a tlhobogile ka pula.
A re le fa a sa itse gore a sengwe se tlaa tlhoga, mme o solofela gore Modimo o tlaa ba araba ka go tswelela a nesa pula gore bana ba seka ba tla ba wela mo isong ke tlala.
O tlhalositse fa masimo a gagwe a ne a kwakwaletse mo go feteletseng ke ka moo a paletsweng ke go baya tema nako e sale teng.
Mme Kene Tjikwakwa ene o supile fa a itumeletse gore o tlaa kgona go dira matsana ka go lemela ba ba neng ba sa kgona go lema pele.
A re le ntswa nako e setse e ile, o solofela gore balemi ka bontsi ba tlaa lema go tshaba tlala. O supile fa ene a sale a lema mo mogoteng ka a ne a itse gore Modimo ga a na go ba latlha. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gladys Olebeng
Location : Masunga
Event : Potsolotso
Date : 07 Mar 2016






