Ba amogetse molelo wa kgolagano ka boitumelo
07 Mar 2016
Morago ga gore Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama a bolotse leeto la molelo wa kgolagano gore o ralale dikgaolo ka go farologana, go lebega banni ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba ntse ba o letile ka mabetwa e pelo.
E ne ya re mo mosong wa kgwedi eno e le malatsi a mane, dipelo tsa banni ba kgaolo eo tsa boela mannong jaaka molelo wa kgolagano o ne o tsena mo kgaolong ya bone go tswa kgaolong-potlana ya Tutume.
Molelo o ne wa rolelwa molaodi wa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Rre Keabetswe Lesiela mme o tlaa dikologa metse mengwe ya kgaolo eo, go fitlha kgwedi eno e le masome mabedi le boraro.
Morago ga go amogela molelo wa kgolagano, Rre Lesiela o ne a o rolela Kgosi Kutlwano Matenge wa Matenge, yo le ene e rileng kgabagare a o rolela Kgosi Ezekiel Gulubane wa Gulubane.
Ya bo e le semphete ke go fete, ka jaana banni ba metse eo ya Matenge le Gulubane, kwa molelo o simolotseng go tsena kwa go yone, ba ne ba supa fa tsotlhe di ne di le malala a laotswe.
Banni ba metse eo, ba e bileng ba neng ba kgabile ka kapari ya mebala ya Botswana, ba patilwe ke balekane ba Botswana ba ba mo kgaolong, ba ne ba seka ba fitlha boitumelo jwa bone ka jaana megolokwane, meopelo le maipelo e ne ya nna sengwe sa sejo sa letsatsi.
Gontse go le foo, babui ka go farologana kwa meletlong eo ya kamogelo molelo wa kgolagano, ba ne ba supa fa molelo o na le bokao jo bogolo thata mo setshabeng ka jaana o lomaganya setshaba sa lefatshe leno gammogo le go tsosolosa mewa ya popagano, lorato, kutlwelano botlhoko, kagiso le thokgamo tse di ntseng di rena mo lefatsheng leno.
Kgosi Matenge le Kgosi Gulubane le bone ba ne ba seka ba loba boitumelo jwa bone, ba tlhalosa fa metse ya bone e le sego go bo e raletswe ke molelo wa kgolagano, e bile seo se fa tsholofelo ya gore metse ya bone e tlaa rothegelwa ke lesedi le matlhogonolo a ditlhabololo.
Fa a latlhela la gagwe, moemedi wa banana ba Matenge Mme Cecilia Matenge a re molelo wa kgolagano o rotloetsa lengwe la matshego a tebelopele ya 2016, la go nna chaba e e tshwaraganeng e bile e ikgantsha, a tlatsa ka gore seo gape ke maiteko a puso a go lemotsha Batswana botlhokwa jwa Botswana wa bone.
Mme Matenge o tsweletse a re o eletsa go bona mo tebelongpele ya 2036, banana ba lefatshe leno ba eme ka dinao ba itirela, go tlhabolola matshelo a bone le metse ya bone tota. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Sechele
Event : Molelo wa kgolagano
Date : 07 Mar 2016






