Go kgaolwa ga metsi go a tshwenya
07 Mar 2016
Mothusa Tona wa ofisi ya ga Tautona le Bodirelapuso, Rre Dikgang Makgalemele a re ga a itumedisiwe ke go kgaolwa ga metsi mo dikgotleng tsa kgaolo potlana ya Palapye, bogolo jang kwa Lerala/Maunatlala.
Rre Makgalemele o buile jalo fa a buisa phuthego kwa Maunatlala ka Labone. A re seemo sa go kgaolwa ga metsi ga se itumedise, ka jalo se tshwanetse go tsibogelwa.
O boletse fa ba ba lebanyeng ba tshwanelwa ke go ntsha pego ya seemo sa go kgaolwa ga metsi mo dikgotleng ba bo ba supa le gore go tlaa tsewa kgato efe. A re o lemogile fa kgang e ya go kgaolwa ga metsi e aname mme a solofetsa banni fa a tlaa e isa kwa go tona yo o lebaneng.
Rre Makgalemele o ne a tsibogela kakgelo ya modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Maunatlala, Rre Opelo Keseme yo o neng a bolela fa ba kgonne go wetsa kago ya matlo a boitiketso a a dirisang metsi mme a ise a dirisiwe ntateng ya gore metsi a kgaotswe mo kgotleng ya bone.
O ne a bolela fa bontsi jwa dikgotla di kgaoletswe metsi ntateng ya go sa dueleng.
Mo go tse dingwe Rre Makgalemele o ne a akgolela komiti ya ditlhabololo tsa Maunatlala go bo ba gatetse pele ka go bona gore ba ka tlhabolola banni jang.
A re dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse ga di a tshwanela go nna dikomiti tsa Ipelegeng fela, di tshwanetse di itebaganye le dilo tse dintsi tse di tlhabololang motse.
A re fa go na le letlhoko lengwe ga le a tshwanela go babalela banni, ka jalo komiti ya ditlhabololo tsa motse e tshwanetse go ema ka dinao go bona gore banni ba a thusiwa.
O ne a atla kgang ya pego ya komiti ya ditlhabololo tsa motse e e neng e bolela fa ba setlhopha se se okametseng ditlhabololo tsa motse wa Maunatlala ba setse ba tsene mo dipuisanyong tsa dithuto tsa malatsi a le matlhano le ba SPEDU go dira bukana e e ba laolang.
A re seo ke kgatelopele ka puso e eletsa go bona metse e tsholediwa ka dikgwebo tse di farologaneng. A re puso e tlhomile lekgotla la SPEDU go direla banni ditiro le go tlhabolola metse. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Maunatlala
Event : Phuthego
Date : 07 Mar 2016






