Breaking News

Botswana o gata sentle

07 Mar 2016

Botswana o kgonne go tila dikhuduego tse di tsogileng mo mafatsheng a mangwe a Aferika ka ntlha ya puso e e lolameng ya phathi ya Domkrag.

Se se builwe ke mothusa tautona e bile e le modulasetilo wa phathi eo, Rre Mokgweetsi Masisi fa a ne a amogela maloko a masha kwa Mathangwane ka Matlhatso.

Rre Masisi o kaile fa mafatshe a Aferika ka bontsi a tlhakatlhakane ka ntlha ya go palelwa ke go dirisa dikhumo tsa one sentle.

O tlhalositse gore fa e ne e se ka puso e e lebelang dilo kwa pele  ya Botswana Democratic Party (BDP), Botswana le ene o ka bo a ne a tsaya tsela ya mafatshe a mangwe.

Fa a ema maloko a masha ka lefoko, mothusa tautona o ne a ba lemotsha fa ba sa farologane ka gope le maloko a ba a fitlhelang mo phathing; a bolela fa ba na le ditshwanelo tse di tshwanang le tsa maloko otlhe.

Mokwaledi mogolo wa BDP, Rre Botsalo Ntuane ene o ne a supa fa lefatshe leno le gatetse pele thata mo go tsa ditlhabololo mo dingwageng tse di masome matlhano le ntse le ipusa.

Se, a re se kgonagetse ka go bo lefatshe leno le kgonne go tila dikgwetlho tse di farafereng mafatshe mangwe mo Aferika di akaretsa semorafe, thankgolo puso ke masole, boseyong jwa puso ya batho ka batho le go sa bopaganang ga batho ba mafatshe ao.

Rre Ntuane o ne a gwetlha Batswana go tswelela ba tlhopha phathi ya Domkrag, a bolela fa go dira jalo e le yone fela tsela e le nosi e e tlhomameng ya go dibela kagiso le tshisibalo tse di ntseng di rena mo lefatsheng la Botswana.

Tona wa dikago, boranyane le boitseanape e bile a le mopalamente wa Selebi Phikwe Botlhaba, Rre Nonofo Molefhi o ne a ikuela mo malokong a phathi go dira ka natla go oka maloko a masha.

O boile a kopa gore ope mo phathing a seka a nna bete se molangwana tebang le kgorogo ya maloko a masha, a re ba ba ntseng ba le mo phathing ba tshwanetse ba lemoga fa ba tlhoka ba basha go ba thusa go nonotsha maiteko a go aga le go godisa phathi.

Mokhanselara wa pele wa kgaolwana ya Mathangwane, Rre Kenosi Mabalane, yo o neng a amogelwa le ba bangwe ba feta masome a mararo, o ne a bolela fa ba ikiteile sehuba go tla go direla phathi ya Domkrag ka bonatla le boineelo.

Rre Mabalane yo o neng a amogelwa a tswa kwa phathing ya Botswana Congress o ne a kgalela diphathi tsa kganetso go sa tlhaloganyeng fa tiro ya tsone e le go gakolola e seng go ganetsa fela le dilo tse di siametseng setshaba. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : Mathangwane

Event : Phuthego

Date : 07 Mar 2016